Kgosi English o tlhongwa semmuso
26 Mar 2023
Tiro ya bogosi e botlhokwa, e masisi, ka jalo e tlhoka boikobo, lerato, bopelotelele le boitshwaro, dilo tse di botlhokwa mo kagisong le kgolo ya motse.
Bogosi jaaka botsetsi bo a ilelwa, e bile bo tlhoka mowa o o oleng jaaka puo e e reng kgosi thotobolo o olela matlakala, ka jalo kgosi e tshwanetse go ikemisetsa go amogela tsotlhe tse di molemo le tse di bosula le go ipha botlhale jwa go lebagana le tsone, ka maikaelelo a go tsisa kagiso le ledula mo motseng.
Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota o buile jaana fa a rurifatsa Kgosi Godfrey English wa Kgari kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ka Labotlhano.
Moletlo o, o ne o patagantswe le pulo-semmuso ya diofisi tsa kgotla, tse di agilweng ka 2019 ka lenaneo la go rudisa itsholelo.
Kgosi English o tsene mo bogosing jwa Kgari ka 2009, a le dingwaga tse di masome mabedi le bobedi, morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe e bong Kgosi Fredy English ka 2008.
Peo semmuso ya gagwe e ka bo e diragetse ka 2016 mme ya kgorelediwa ke mabaka mangwe.
Kgosi Radipitse o ne a gaokolola Kgosi English go itse fa e le ene a agisanyang morafe, a bo a mo gakolola go ikaega ka molao o o tsamaisang bogosi gore a kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba.
A re Kgosi English a tlhaloganye fa sepolotiki le bogosi di sa tshwanela go kopanngwa, e bile polotiki e na le beng.
O bile a re Kgosi a itse fa ba lelwapa la bogosi le morafe wa Kgari ba mmeile mo setilong ka go mo tshepa, ka moo a sa tshwanela go ba swabisa mme a ba bulegele, a kope thuso fa go na le se a sa se tlhaloganyeng.
Kgosi Radipitse o ne a bo a mo thaba podi matseba go dirisana sentle le bodiredi jwa kgotla le go obamela dinako tsa pereko, a tlatsa ka go re Kgosi a itse fa e le leloko la dikomiti tsotlhe tse di mo motseng.
Go sale foo, Kgosi Radipitse o ne a supa fa go gola le go kgona ga kgosi go le mo maruding a ba lelwapa la bogosi le morafe, ka jalo a ba kopa gore ba eme Kgosi English nokeng ka dinako tsotlhe gore a kgone go dira ka bonokopila.
Dibui tse dingwe ka go tlhatlologana le tsone di nnile le sebaka sa go ntsha mafoko a kgothatso le a tao, mme se segolo ba rotloetsa tshwaragano le go goga mmogo magareng ga kgosi le morafe gore motse wa bone o gatele pele mo ditlhabololong.
Ba gakolotse Kgosi go tsaya morafe ka tekatekano, ba re a seka a nna le lekgamu kgotsa a sokamela ntlheng epe fa a dira tiro ya gagwe, ka go ka mo paledisa go dira ka fa tshwanelong le gore morafe o seka wa mo tshepa le go mo tlotla.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso, Moruti Egger Phinius o ne a re go ikokobetsa le poifo Modimo ke konokono mo tirong ya bogosi, a supa e le dingwe tse di ka nayang kgosi botlhale jwa go etelela morafe wa gagwe pele.
Moruti Phinius a re kgosi e e botlhale e rapedisa morafe wa yone, e ema kgatlhanong le mewa e e ka kgoberang motse.
Fa a latlhela, Kgosi Ngocha Habangana wa Mapoka o ne a gatelela botlhokwa jwa go itlotla ga kgosi, a re a ikilele le go iphapha mo mafelong a a ka tsuololang seriti sa gagwe.
Mo go la gagwe, Kgosi English o ne a leboga banni ba Kgari go mo direla moletlo oo, a tshepisa fa a tlaa tswelela a dirisanya sentle le bone le gore ga a na go ba swabisa ka gope, a tlatsa ka go re o ikaelela go dira go gaisa jaaka a ntse a dira mo go lereng ditlhabololo mo motseng.
Kgosi a re ka jaana a ne a ntse a le mo setilong seo, o ithutile gore Kgosi e tshwanetse go nna le mowa wa setsadi le go tlhaloganya fa e busa batho ba ditlhaloganyo tse di farologaneng.
Le ene fela jalo o ne a gwetlha morafe wa Kgari go nna le tirisanyo mmogo e e nitameng le ene, a re o eletsa go bona ledula le le mo motseng le rena go ya go ileng.
Diofisi tsa kgotla di ne tsa bulwa semmuso ke Rre Monty Moswela wa Mapoka, yo o gateletseng botlhokwa jwa tshomarelo ya ngwao le diteme tsa merafe ka go farologana, ka e le tsone di supang tlholego ya motho.
Magareng ga batsena moletlo oo, e ne e le mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi le moemedi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Sibangani Mosojane wa Mosojane. ENDS
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : KGARI
Event : KGOTLA MEETING
Date : 26 Mar 2023