Breaking News

'Lenyalo ke thulaganyo ya modimo

23 Mar 2023

Kgosi Tsietsego Molefi wa Mosolotshane o rotloeditse baratani go nyalana ka se se ka itsa dikgang tsa boswa segolo jang tsa bakapelo ba ba sa bolong go nna mmogo.

Fa a bua mo moletlong wa lenaneo la Re a nyalana kwa Mosolotshane ka Laboraro, kgosi o tlhalositse fa ba tshwaragane le bothata jwa dikgang tse di senang tharabololo mo dikgotleng tsa bone bogolo jang tsa boswa jwa baratani ba ba sa bolong go nna mmogo.

“Lenaneo la Re a nyalana ke lone le le ka thusang mo diemong tsa go nna jalo,” ga bua jalo Kgosi Molefi.

A re lenaneo le, le ne la simolola ka 2019 mo kgaolong ya Shoshong mme la emisiwa ke COVID-19. O tlhalositse fa le ne la tsweledisiwa ngwaga ono o simolola.

O tlhalositse fa lenaneo le e se la bagolo fela mme a rotloetsa le banana gore ba ikiteye ka thupana ba tsene mo go lone.

A re thulaganyo e e direlwa go sireletsa dithoto tsa bana gore ba seka ba sokodisiwa ka boswa motlhang batsadi ba tlhokafalang.

kgosi Molefi o supile fa lenyalo e le selo se se siameng mme le ka senngwa ke banyalani fa ba sa itseye sentle ka fa tshwanelong ya setho.

Mothusa tona wa pele wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae yo gape e neng e le mopalamente wa Mahalapye East, Mme Botlogile Tshireletso yo e leng morotloetsi wa lenaneo leo a re lenaneo le le dira tiro e tona ya go aga le go tiisa malwapa.

A re mo metseng e le masome a mabedi le borataro batho bale  8 612 ba setse ba thusitswe ka lenaneo le.

A re lenaneo le, le lemotshitse batho botlhokwa jwa kutlwano, go agisanya le go tshela ka lorato, a tlhalosa fa banyalani ba rutwa ka kgokgontsho ya bong le tse dingwe tse di agang malapa.

Mme Tshireletso o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go busetsa seriti le serodumo sa malwapa.

A re mme tiro e ga e motlhofo ka ba tlhoka dithuso tse dintsi go e dira mme a kopa setshaba go tsenya letsogo fa ba kopiwa go thusa.

O ne a kopa ba ba neng ba nyalana gore ba ithuse ka mananeo a puso go sireletsa itsholelo ya malwapa ka gore keletso ke gore matshelo a bone e nne a a babalesegileng e bile a na le boleng le motheo wa lorato.

Manyalo a letsatsi leo a ne a le masome a mabedi le boraro.

Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Aubrey Lesaso a re nyalo e tswa goo lowe e le motheo wa lefatshe.

O tlhalositse fa Modimo o bone go sa siama gore monna a se nne a le nosi, ke ka moo a neng a modirela mothusi e bong motho wa mme.

O gakolotse banyalani go itse Modimo ka e le ene motheo wa lenyalo.

O ne ba gakolola gore ba rerisane mo malwapeng a bone, ba sireletsane, ba tlotlane ba seka ba tshela ka go tlhoka kutlwisisano gape. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MOSOLOTSHANE

Event : Potsolotso

Date : 23 Mar 2023