Breaking News

Khansele ya Letlhakeng e tsaya megopolo ka sekano

23 Mar 2023

Khansele ya Letlhakeng e mo letsomong la sekano se se ka e  farologanyang le dikgaolo tse dingwe.

Modulasetilo, Rre Anderson Mathibe a re ba ne ba tsaya tshwetso ya gore morafe wa kgaolo eo yotlhe o nne le seabe mo go tleng ka sekano, mmala le ka mafoko.

A re e tlaa re morago ga morero oo, khansele e tsee sekano se Batswana ba kgaolo eo ba tlhophileng ka bontsi.

Rre Mathibe a re sekano se botlhokwa fela thata, a tlatsa ka gore ere ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, ba itlamile go dira mmogo le morafe go ya pele, go aga Letlhakeng yo ba mo eletsang.

A re toro ya gagwe ke go bona dikeletso tsa morafe wa Letlhakeng di diragadiwa, go na le tirisano mmogo, go fedisa botlhoki mo kgaolong ya bone.

A re khansele e ene ya tlhoma komiti, e e bopilweng ka makhanselara le bodiredi, go etelela kgang eo pele, mme ba setse ba simolotse tiro.

E re dikgang di eme jalo, ba motse wa Malwelwe, ba supile fa ba eletsa gore sekano se nne le kgomo, mogoma wa temo le lebele, mme mmala o ne e nne bosetlha jwa motlhaba kana mmu wa kgaolo ya bone, fa mokwalo o ne e nne ‘letsema le tsweletse’.

Rre Letsokolela Koma a re Batswana ke batho ba temo le leruo ka jalo mogoma o supa temo fa kgomo e supa thuo.

Morafe wa Kaudwane one o ne wa dumelana ka bongwefela jwa pelo gore sekano sa kgaolo ya Letlhakeng e nne setlhare sa motlopi se ba tlwaetseng go se bitsa ba re mongone.

Kgosi ya motse oo a re ba ne ba dumelana ka setlhare sa motlopi se ba godileng ba se dirisa dilo tse dintsi jaaka go se ja, le go nwa tee ya sone bogolo ka nako e ne ba nna kwa Central Kalahari Game Reserve.

Kgosi a re ba eletse gore go nne monna le mosadi ba ntse moriting wa setlhare seo, monna a ntse setilo fa mme a fetlha pitsa.

A re mo godimo ga moo go nne le letlhaka le kgomo mo ntlheng ya setlhare seo sa motlopi mme mokwalo o re ‘tsela kgopo ga e latse nageng’ ka ba tswa kgakala ba lwela gore Letlhakeng a ikemela ka nosi, mme jaanong mmatla sa gagwe a se bone.

Rre Tshoganetso Gagosimologwe a re ene o eletsa gore mmala wa kgaolo e nne bosetlha jwa mmu wa bone ka e bile o le monate mo temong.

Kwa Diphuduhudu, banni ba ne ba supa fa ba eletsa gore sekano e nne kukama, le lenaka la kgomo le lebele.

Rre Seitshiro Moroka, yo o neng a bua mo boemong jwa morafe, a re dilo tseo di supa botshelo jwa Motswana.

‘ re ba dumelane gape gore mokwalo oo ba kayang e nne “montsamaisa bosigo…’ ka jaana ba tswa kgakala ba kopa gore ba ikemele ka nosi, mme jaanong se ba ntseng ba se kopa se gorogile.

Kwa Ngware, morafe o ne wa tla ka megopolo e e farologaneng, bangwe ba supa fa ba eletsa sekano sa bone e ka nna tshephe kana kgokong ka ele diphologolo tse di teng mo kgaolong ya bone.

Ba supile gape fa ba eletsa gore mmala e nne bosetlha ka mmu wa kgaolo ya bone.

Modulasetilo wa komiti eo, e bile e le mokhanselara wa Botlhapatlou, Rre Victor Mokgwaphe a re tiro ya komiti eo e tona fela ka sekano se raya go le gontsi fela thata.

A re Letlhakeng ke kgaolo e e ikadileng, e na le merafe e e farologaneng, mme sekano se tshwanetse sa bua le batho botlhe.

Rre Mokgwaphe a re go thona go dirisa sereto ka seo se ka tlogela merafe e mengwe kwa ntle mme go botoka go batla sekano se se akaretsang morafe, mme e bile se supa kwa ba go tswang, fa ba leng teng le kwa ba goyang. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya khansele

Date : 23 Mar 2023