Mokhanselara o lebogela kago ya dikole
23 Mar 2023
Mokhanselara wa kgaolwana ya Moselewapula/Phase 2, Mme Resego Thamage o lebogetse puso tshwetso ya go aga dikole tse pedi tse dipotlana mo Gaborone go itepatepanya le palo ya baithuti e e kwa godimo.
Fa a akgela mo puong ya ga Ratoropo mo Gaborone ka Laboraro, Mme Thamage a re go agiwa ga dikole tse, go tshwanetse ga gwetlha khansele go simolola go kopa puso go tsenya leitlho mo dikoleng tse dikgolwane gore le tsone di okediwe di tle di emelelane le palo ya baithuthi go tswa kwa dikoleng tse dipotlana.
Mo go tse dingwe, Mme Thamage o gakolotse khansele go tla ka lenaneo le le tla akaretsang malwapa otlhe fa go tsewa matlakala go thusa go phepafatsa mo tikologo.
Are go le gantsi, matlakala mo malwapeng a felela a sa tsewa mme a bake leswe ka bontsi kwa batho ba sa nne mo lwapeng motshegare ba tserwe ke mabaka a botshelo.
A re mo malatsing a segompieno a borukutlhi bo leng kwa godimo, ga go motlhofo go fitlhela batho ba tlogetse ba sa tswala diheke tsa malwapa ka maiteko a go hema borukutlhi.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore babereki ba Ipelegeng ba fiwe di dirisiwa tsa segompieno tse di ka ba thusang go dira tiro ya bone ya go kgaola ditlhare le bojang ka bofefo le botswerere.
Mokhanselara are kgaolo ya gagwe ke nngwe ya tse di tshwenngwang ke borukutlhi ka jalo go le maleba gore dipone tsa mebila di baakanngwe ka bofefo fa di sa bereke sentle.
Mokhanselara wa Kgaolwana ya Notwane/Segoditshane, Rre Isaac Molefhe ene o kopile gore Makhanselara a fiwe dithata tsa go hira le go koba go itebaganya le seemo sa babereki ba ba sa direng ka bonatla.
Rre Molefhe a re gona le babereki ba ba sa direng ka bonatla ka jalo ditlamelo di felela di sa goroge sentle kwa banning ba dikgaolo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aubrey Maswabi
Location : GABORONE
Event : POTSOLOTSO
Date : 23 Mar 2023