Breaking News

Maphata a isa ditlamelo kwa setshabeng kwa Bokone Botlhaba

20 Mar 2023

E rile bosheng maphata a puso ka go farologana le makalana mangwe a a ikemetseng a kgaolo ya Bokone Botlhaba a isa ditlamelo kwa setshabeng kwa motseng wa Mapoka, le e e mabapi ya Nlapkhwane le Kgari.

Molaodi wa kgaolo, Rre Gobe Macha o boletse fa go atumetsa ditlamelo kwa setshabeng go le botlhokwa thata, ka go ba fokotsa mosepele wa go di latela kwa mafelong mangwe.

Rre Macha, a re ba ne ba rulaganya tiro eo, go tla go araba dingongorego dingwe tse di neng di ntshitswe ke banni ba metse eo, mo diphuthegong tsa kgotla tsa mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Simon Moabi.

A re keletso ke gore mongwe le mongwe a tswe foo a bone thuso ka botlalo, mme maphata a tsee dikgang tsa ba ba sa bonang thuso go ya go di lebisisa, morago ba ba busetse phetolo le go tla go ba thusa ka fa go tshwanetseng.

Rre Macha o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go rulaganya letsatsi leo, la go isa ditlamelo kwa setshabeng kwa metseng yotlhe ya kgaolo eo.

Modiri mo ofising ya ga molaodi a lebagane le tsa ditlhabololo tsa kgaolo, Mme Omphile Mogorosi a re ka letsatsi leo, setshaba se tshwanetse go fiwa thuso ya tlhwatlhwa e e tshwanang fela le e ba e neelwang kwa diofising.

Mme Mogorosi a re setshaba le sone se nna le sebaka sa go tshwaela mabapi le ka fa se thusiwang ka teng, a tlatsa ka gore di kakgelo/tshwaelo tseo di thusa maphata go iphutha metlhala, go ipaakanya le go tokafatsa ka fa a thusang setshaba ka teng, maikaelelo ele go isa lefatshe leno kwa pele.

Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Masunga, Rre Seikaneng Kgafela o ne a itsise banni ba Mapoka, Nlapkhwane le Kgari fa tona wa lephata la dikgaolo a tlaa rebola letsatsi la ditlhopho tsa poelelo kwa kgaolwaneng ya bone, morago ga go tlhokafala ga mokhanselara, Rre Farayi Bonyongo.

Rre Kgafela o ne a kopa ba ba latlhegetsweng ke dikarata tsa botlhophi tsa 2019 go ikopanya le ba ofisi ya ditlhopho , ka jaana e le tsone tse di dirisiwang mo ditlhophong tsa poeletso.

Mo puisanong le BOPA, banni bangwe ba ne ba lebogela letsatsi leo, ba re le ba fa sebaka sa go fitlhelela ditirelo dingwe, tse gantsi ba retelelwang go di fitlhelela kwa mafelong a tshwana Masunga le Francistown.

Rre Phibion Makhala wa Mapoka le Rre Shardreck Matebu wa Nlapkhwane ba ne ba itumeletse thulaganyo eo, ba re go le gantsi setshaba se senyegelwa ke madi go latela ditlamelo, mme ba bo ba boa ba iphotlhere ba sa bona thuso.

Rre Makhala o ne a kopa gore thulaganyo ya go nna jalo e tshegediwe gangwe le gape, go fokotsa dingongorego. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MAPOKA

Event : Potsolotso

Date : 20 Mar 2023