Komiti e lela ka dikoloto tsa matlo
20 Mar 2023
Go tlhoka go duela boroko sentle ga bodiredi jwa puso kwa Motokwe go ama ditirelo tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo kae dirisa letseno le go tlhabolola motse.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Ngongorego Kgalaeng o boletse mo potsolotsong le BOPA bosheng gore se se tshwenyang ke gore badirelapuso bangwe ba ba amegang ba setse ba isitswe kwa mafelong a mangwe a pereko mme ba santse ba kolota.
A re ga go a siama gore e re ba thusa bodiredi ka boroko morago ba bo ba sa diragatse tumalano.
A re ka jalo ba tsile go tshwanelwa ke go tsaya dikgato tse di maleba, a tlatsa ka gore ba ba tsamaileng ba kolota madi a a kana ka P4 600.
Mo go tse dingwe, Rre Kgalaeng a re o tshwenngwa ke tiego ya tshimolodiso ya mananeo a bone a itshetso jaaka lenaneo la ditena le le sa bolong go simolola ka ngwaga wa 2017 mme le ise le wele.
A re ba sale ba emetse go wediwa ga matlo a boroko a le mabedi a a saleng a simolola go agiwa ka 2019 mme ga a ise a simolole go dirisiwa ka e nngwe e sa gokelwa metsi.
Modulasetilo a re go na le letlhoko le lentsi la boroko jwa babereki mo motseng a re go fefogela go fediwa ga matlo ao go ka thusa go araba letlhoko le le teng.
Rre Kgalaeng a re o lebogela gore jananong lebala la ditshupo le boetse mo matsogong a komiti ya ditlhabololo tsa motse.
A re lebala leo la botona jwa diekere di le 36 le kile la batla go tsosa dikgothang mme a lebogela gore kwa phelelong seemo se ne sa boela mannong e bile morafe o tlhaloganya gore lefatshe leo ke la komiti ya motse.
Leloko la komiti Rre Thepe Modise a re ba tshwenngwa ke tlhaelo ya metsi mo ntlheng e nngwe ya motse mme seo se jesetsa banni mo kgobedung ka ba tshela ka lenyora.
Rre Modise a re ba kopa gore ba okelediwe palo ya babereki ba Ipelegeng ka letlhoko la ditiro le le kwa godimo.
A re ba filwe palo ya 88 mo Motokwe mme letlhoko lone le santse le le kwa godimo.
O ne a supa fa go na le tiego ya go thusa baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma mme bangwe ba felela ba fela pelo ka ba batla mananeo a go itshetsa.
Rre Modise a re lengwe lenaneo le ba eletsang go le dira ke go simolola sekole sa bana ba ba kwa tlase mme ba kopa dithuso dipe fela gore tiro e kgone go wela pele ngwaga o, o ya fifing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOTOKWE
Event : Potsolotso
Date : 20 Mar 2023