Ba kgothadiwa go bega kgokgontsho ya bana
19 Mar 2023
Batsadi ba kgothaditswe go begela mapodise le ba boipelego batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase.
Modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Gabagopole Sebele o buile seo mo phuthegong ya kgotla kwa Tshiamoyapula bosheng. Rre Sebele a re bangwe ba bipa mpa ka mabele fa molato wa go nna jalo o diragetse, mme a tlhagisa gore batho ba go nna jalo, ba tlaa di gama ba sa di tlhapela.
“Go le gantsi batsadi bangwe ba itlhokomolosa tshwanelo ya bone ya go tlhokomela bana, bogolo jang ba dikhutsana, ba lesa fela ba imisiwa ke borre ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase, mme seo se ba senyetse isago ka gore ba tlogela dikole,” ga bua Rre Sebele.
A re batsadi bao ba gabile sengwe mo go yo senntseng ngwana, a tlatsa ka gore motho ope fela yoo itseng ka bosula joo, mme a sa bo bege, o tshwanetse go tshwarwa, mme a lebisiwe molato le dikotlhao tse di gagametseng.
“Basetsana ba gompieno ga ba sa tlotla bagolo ba borre ka gore ba ba kopa marato, baa ba phoraphora, le go ba lopela ka madi ba sa lebelela dingwaga tsa bone,” Rre Sebele a tlhalosa.
O ne a bua gape kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, go dirisa ditagi phetelela le molapo oo feditseng leruo le batho fa gare ga Tshimoyapula.
Mo go tse dingwe, o ne a ngongorega ka kwelo tlase ya maduo a ditlhatlhobo mo dikoleng le go tlogela sekole ga basetsanyana ka ntata ya boimana, mme a kopa batsadi le ba bogosi go emela kgang tseo ka dinao, ba le seopo sengwe.
Fa a itebaganya le tiriso ya ditagi o boletse fa mangwe a mabaka a a dirang gore baithuti ba dirise ditagi e le go thubega ga malwapa, kgokgontsho, fa bangwe ba re ba amilwe ke go tlhoka go nna teng ga batsadi mo matshelong a bone.
O tlhalositse fa maranyane a tshwana le Facebook le one a na le seabe mo tirisong ya ditagi ka jaana bangwe ba a dirisa go di bapatsa.
Rre Sebele a re ba itemogetse fa motokwane le bopi ja Katse (Cat), Madaena e le tsone tshoso e rweleng mo baithuting.
Rre Sebele o ne a kopa batsadi go emisa go neela bana madi a mantsi ka jaana ba a dirisa go reka ditagi.
Molaodi wa kgaolo ya Legare, Mme Angelina Leano, o boletse fa bogogi ja kgaolo bo semeletse go batla tlharabololo ka mathata a a dirwang ke molapo o o ralalang motse.
O boletse fa kgang e setse e ile kwa diofising tse ditona kwa Gaborone ko ba mekamekanang le yone go tswa ka tlharabololo mo bogautshwaneng.
Fa ba a kgwa modulasetilo wa khansele dikgaba, banni ba lebogetse tekodiso ya bogogi ja kgaolo go utlwa tse ba lelang ka tsone.
Ba boletse fa bangwe ba tshaba go bega dikgang kgokgontsho ka ba tshaba go tlhoiwa mo motseng.
Ba ne ba go lebogela tiro e ba sepodise ba e dirang go lwantsha kgokgontsho mo motseng.
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : TSHIMOYAPULA
Event : Phuthegong ya kgotla
Date : 19 Mar 2023