Breaking News

Dikereke dingwe di kgoreletsa maiteko a ba botsogo

19 Mar 2023

Dikereke tse di kganelang maloko go tsaya kalafi le go ba tlogedisa melemo go tswa dikokelong di gakolotswe go tlogela mokgwa oo, ka o folodisa maiteko a puso a go lwantsha  malwetse.

Go lemosegile fa balwetse bangwe ba ya dikokelong ba gateletswe ba supa fa ba ne ba ntse ba thusiwa kwa dikerekeng tsa bone mme bolwetse jone bo kekela, selo se se paledisang kalafi.

Mooki yo o lebaganeng le tsa tlhatlhobo ya kankere ya molomo wa popelo kwa kokelong ya Tutume, Mme Kolobetso Setlhare o buile se kwa bokopanong jwa bomme ba mekgatlho le dikereke kwa Tutume, bosheng.

O boletse fa kankere ya molomo wa popelo e sena dikai dipe tse e di supang fa e le teng mo mothong, ka jalo a kopa bomme go dira ditlhatlhobo nako e sale teng. Mme Setlhare a re bolwetse joo bo tsamaya magato a le mane mme fa bo setse bo le mo legatlong la boraro le bone bo a bo setse bo tsere phekelo e sele ebile bo amile dikarolo tse dingwe tsa mmele.

O ne a kopa bomme go nna ba itlhatlhoba nako le nako morago ga dingwaga tse pedi go re ba nne ba itse seemo sa bone.

Are bolwetse joo bo kgona go alafasega fa bo lemogilwe  bo simologa,  go na le fa bo setse bo amile dikarolo dingwe tsa mmele( stage 3,4).

A kopa bomme bao go nna ba rutana ka bolwetse joo gongwe le gongwe fa ba leng teng le kwa mekgatlhong ya bone tota.

O ne gape a kopa bomme go rotloetsa bakapelo ba bone go dira loaro la borre le le babalesegileng go itsa kanamo ya megare.

Mme Setlhare a re bomme ba maoto a tshupa go ya go itlhatlhoba, ka seo a kopa dikereke go thama dikomiti tsa botsogo mo dikerekeng tsa bone gore ba kgone go lomagana sentle le badiri ba botsogo le go rotloetsana.

O tsweletse a re maiteko a mangwe a go thibela bolwetse jwa kankere ya molomo wa popelo a  akaretsa go kenta bana ba basetsana ba ba dingwaga tse di borobabongwe go ya kwa go ba ba dingwaga tse di lesome le boraro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Puisanyo

Date : 19 Mar 2023