' Go swa senku ga go thuse'
19 Mar 2023
Bomme ba rotloeditswe go sa se swe senku mo dikgannyeng di tshwana le kgokgontsho mo malwapeng.
Mafoko a a builwe ke Sergeant Maranyane Ramasimong wa mapodisi a Tutume kwa thuto puisanyong le bomme ba mekgatlho e e farologanyeng le ba dikereke bosheng.
A re bomme bangwe ba sa ntse ba na le mokgwa wa go loba dilo tse di maswe tse di ba diragalelang jaaka kgokgontsho mo malwapeng.
Sgt Ramasimong o ba kopile go tswela tswaing ba abelane le ba bangwe dikgwetlho tse ba kopanang natso ka seo se ka thusa gore ba kgone go tla ka ditlharabololo tsa dikgwetlho tseo.
O boletse fa go nna ka botlhoko go le borai ka go felela go ama botsogo.
Sgt Ramasimong a re ba santse ba tshwenngwa ke bangwe ba ba santseng ba tlhomogela bakgokgontshi pelo ka jalo ba tsholole boikuelo jwa bone.
A re seo se baa ka fa mosing mongongoregi bogolo jang bana ba basetsana ka ba senyetswa isago. Sgt Ramasimong o ne a kopa bomme go tlogela mokgwa wa go amogela pipamolomo mme ba bege dikgang tsa kgokgontsho le thubetso tse di diragalelang bana ba basetsana.
O ne a galaletsa puso go bo e eme bomme le bana nokeng le go rotloetsa tswelelopele ya bone ka go dira mananeo le melao e e ba sireletsang. Mmaaboipelego wa kokelo ya
Tutume, Mme Gaone Makhanga o boletse fa bomme e le batho ba ba nang le talente le megopolo e mentle le tebelopele.
A re mmaba mogolo mo go bone ke poifo ya go supa bokgoni ja bone.
Mme Makhanga o tlhalositse fa bomme bangwe ba nyoretswe go itirela mme go tlhaela ba ba ka bontshang lesedi le tsela go fitlhelela ditoro tsa bone.
Mme Makhanga o ne a gwetlha bomme go ema ka dinao go thusana mo diemong tse di maswe le go supa kutlwelobotlhoko le kemonokeng mo go ba bangwe.
Bomme ba ba neng ba tsene thuto-puisanyo eo ba boletse fa bomme ba santse ba gateletswe mo dikerekeng dingwe ka di santse di dirisa melawana ya bogologolo e e siilweng ke nako.
Ba re ntswa bangwe ba bone bana le bokgoni, melawana eo e ba itsa go tsaya boikarabelo le go supa bokgoni jwa bone.
Mongwe wa bomme ba ba neng ba tseletse dipuisano tseo, mme Malebogo Moahi a re thuto e santse e tlhaela mo go bomme ka ba sa itse go emana nokeng.
A re ga ba na tshepo mo go bomme ba bangwe ebile ba ka rotloetsa rre go na le go ema mme nokeng, selo se a se kgadileng fela thata.
Mme Moahi a re go lebega bo mme ba santse ba ikaegile ka Setswana se se reng, ‘ga di ke di etelelwa pele ke manamagadi’, a re ke nako ya gore bomme ba fetlole dikakanyo tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Thuto puisanyo
Date : 19 Mar 2023