Serowe college e ipelela ngwao
19 Mar 2023
Mookamedi wa tsa ngwao le tlhabololo ya tsa boitlhamedi kwa National Arts Council, Mme Obenne Mbaakanyi o rotloeditse Batswana go gatisa tsotlhe tsa ngwao tse ba nang le tsone ka di kgona go ba thusa go tlhabolola matshelo a bone.
Mme Mbaakanyi o ne a bua jalo mo Serowe ka Labotlhano jaaka fa ba sekole sa ithutelo borutabana sa Serowe College of Education (SCE) ba ne ba ipelela ngwao.
A re batswakwa ba kgona go tla mo lefatsheng leno ba felele ba tsaya dingwe tsa ngwao mme fa ba tsena kwa mafatsheng a bone ba di dirise go itshetsa jaaka e kare ke basimolodi ba tsone.
Mme Mbaakanyi a re Batswana ba tswa kgakala ba sa tsee ngwao ya bone ka tlhwaafalo mme puso ya bona go tshwanela gore e simolole lephata le le magorogo masha le le tla a bonang gore Batswana ba itshetsa jang ka ngwao ya bone.
A re lephata le gape le tla tlhomamisa gore ngwao e kgone go rutiwa kana e kgone go goroga kwa dikoleng tsa Creative and Cultural Sector Development ka fa tlase ga National Arts Council.
A re ngwao ya Batswana ka go farologana e na le dilo tse dintsi fela thata di tshwana le dijo, diaparo, mmino, didirisiwa tsa mmino le tse dingwe tse di farologaneng mme motho a ka itshetsa ka nngwe ya tsone.
O ne a supa fa lephata la gagwe le tlaa sekaseka gore thuto ya ngwao e ka rutwa jang mo dikoleng jaaka dingwao tsa Batswana di le dintsi go ya ka merafe ka go farologana mme morago ga moo baithuti ba kgone go itshetsa ka yone.
A re ngwao e bophara fela thata mme Batswana, bogolo jang ba ba dirang ka tsa ngwao, ba ka tlhopha gore ba itshetse ka eng mo go tsone.
Mme Mbaakanyi a re Batswana ba tswa kgakala ba itse ka ngwao ya bone go tswa bonyennyaneng jwa bone mme e re ba gola ba e phuaganye.
Ka jalo o ne a ikuela mo Batswaneng go gatisa ngwao ya bone le gone go kwala ka yone gore e itsewe. A re bangwe ba Batswana ba na le botsipa jwa ngwao jaaka go sidila basadi ba ba itsholofetseng le gone go ba belegisa, mme se ke nngwe ya tse di tshwanetseng di somarelwe.
Mogokgo wa Serowe College of Education, Rre Johane Oletile o ne a supa fa letsatsi la ngwao le le rulagantsweng ke ba lephata la Setswana mo sekoleng sa gagwe le tla a thusa gore baithuti, batlhatlhelela dithuto le setshaba ba itsanye le gone gore ba tshwaragane.
O ne a supa fa moletlo oo, o tla a thusa gape gore bodiredi jwa sekole sa gagwe, baithuti le morafe ba ntshe ditalente tse ba nang le tsone tse di farologaneng.
Mogolwane wa lephata la Setswana kwa SCE Mme, Bokang Phepisi o ne a supa fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go lemotsha setshaba bogolo jang banana gore ngwao ke letshego la setshaba e bile ke seipone sa setshaba.
A re morafe mongwe le mongwe o tshwanetse o itshekatsheke ka ngwao ya one mme mo letsatsing leo go ne ga supiwa didirisiwa tsa ngwao tse gongwe mo tsamaong ya nako di ka nyelelang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapiotsenyane
Location : SEROWE
Event : Ipelelo ya Ngwao
Date : 19 Mar 2023