Breaking News

Kgetsi ya tsie e a tshwaraganelwa

15 Mar 2023

Rre Oabile Regoeng o gwetlhile banni ba kgotla ya Sesha go tshwaraganela ditlhabololo tsa motse wa bone.

O buile jalo ka Mosupologo fa a ne a tshwere phuthego ya kgotla go lekodisa banni ba kgaolo ya gagwe ya botlhophi ka ditlhabololo tse di amang motse wa bone.

“Ke lona tshoso e rweleng fa go buiwa ka ditlhabololo tsa motse, ka jalo ke kopa le tshwaraganeng, go nne le therisanyo mo motseng, le seka la dia ditlhabololo ka go gogagogana,” ga tlhalosa Rre Regoeng.

Mopalamente Regoeng fa a akgela ka tlhaelo ya metsi mo kgaolong, o ne a re tsholofelo ke gore fa Mopitlo a ya fifing, khampani ya metsi e bo e weditse go gogela metsi kwa Thebephatshwa, pele ga ba a phatlalatsa le Molepolole.

Ka kgopho ya metsi a pula, a re go tlaa dirwa mosele mo motseng go fokotsa go ela ga metsi a, ka jaana a setse a senyetsa banni mantlo le go baya matshelo a bone mo diphatseng.

Rre Regoeng a re kgokelo ya motlakase mo Molepolole e tsentswe mo lenaneong la kgokelo ya motlakase ka marang a letsatsi. 

A re kopo ya gagwe ke gore bo radikhamphani ba nne le tirisanyo mmogo le neelano gore tiro e tle e tsamae sentle.

A re puso e mo dipuisanyong tsa go aga dikole di le pedi mo Molepolole, mme seo se tlaa dirwa go lebeletswe botlhoki mo motseng. 

O tladitse ka go re go tlaa okediwa matlwana a borutelo mo dikoleng.

Rre Regoeng o rotloeditse banana ba ba nang le kgatlhego ya go itshimolodisetsa dikgwebo go ikatumetsa ba Lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao gore ba tle ba thusiwe go itlhamela dikgwebo go lwantsha letlhoko la ditiro.

Mokhanselara wa Molepolole Bokone, Mme Mary Mhula a re ba itumeletse ditlhabololo tse di tlang mo motseng wa bone, ka dikhamphani tseo di tlaa thapa bana ba mo gae go tokafatsa matshelo a bone.

A re go botlhokwa go lemoga gore konokono ya tiro ya bogogi ke go tlhabolola le go aga morafe, e seng go tsenelela dikgang tse di thubang morafe.

O ne a wetsa ka go re o tlaa tswelela a rotloetsa tshwaragano le mowa wa boipelega gore ba kgone go fetola selebego sa kgaolo ya bone.

Banni ba Sesha ba tlhalositse fa ba tshwenngwa ke sekgala se bana ba se tsamayang go ya dikoleng, mme ba eletsa gore go agwe sekole se sebotlana, go leka go isa ditlamelo kwa bathung.

Ba re sekgwa se se mo gare ga motse ke sone se rotloetsang borukutlhi jo bo setseng bo ba jesetsa mo kgobedung, ka jalo ba kopa mapodisi go nna ba etela motse go thusa mo go lwantsheng borukutlhi. Ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke go gobeya ga leruo le le setseng le baka dikotsi tsa tsela le go ba tlhokisa boroko. 

Banana ba kgaolo eo ba re ka ntlha ya go nna kgakala le ditlamelo, ba ne ba tswa ka mogopolo wa itshetso le go tswa mo mebileng, ba ikopanya go dira setlhopha sa borankana.

Ba re ba tlhophile mofuta wa kgwebo eo ka o le motlhofo go dirwa, e bile o itebagantse thata le go tokafatsa itsholelo ya maloko.

Mothusa mookamela mapodisi a Molepolole, Superintendent Reuben Ramoleele o rotloeditse morafe go ikgolaganya le mapodisi go dira dikomiti tsa twantsho borukhutlhi. 

Rre Ramoleele a re e le mapodisi ga ba kake ba kgona go dira tiro e ba le nosi, ka e bile ofisi ya bone e thusa metse e le mentsi, mme ditlamelo di tshwana le dikoloi le bodiredi di tlhaela.

“Go mo go rona go bona gore re a tshwaragana, re dira ntebele ke go lebele.  

Re seka ra tsamaya bosigo re le nosi, re gwetlhege go bona gore re a itsane re le baagisanyi,” ga rotloetsa Rre Ramoleele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : Molepolole

Event : KGOTLA MEETING

Date : 15 Mar 2023