Banna ba tshwerwe ka nama
15 Mar 2023
Mapodisi a Good Hope a tshwere phage ka mangana ntateng ya bogodu jwa loruo kwa kgaolong eo.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA Superintendent Batshwari Gaobatlelwe a re e ne ya re ka Mosupologo, ba longwa ke mongwe tsebe gore banna bangwe ba le batlhano ba ka tswa ba pegile kgomo ya bogodu mo koloing.
Supt Gaobatlelwe a re ba ne ba tabogela kwa Mmathethe kwa ba fitlhetseng banna bao ba pegile nama ya kgomo mo koloing ya modiro wa RunX.
A re mapodisi a ne a botsa banna bao ka nama eo mme ba palelwa ke go tlhalosa gore e tswa kae e ya kae, a tlhalosa gore ba ne ba gabolotse letlalo fa tshipi e bewang teng, ba supa fa ba le latlhetse mo ntlwaneng ya boitiketso.
Supt Gaobatlelwe a re mo botlhanong joo, ba kgonne go tshwara banna ba le bararo fa ba le babedi ba ne ba sia.
A re bangwe ba banna bao ba santse ba emetswe ke go seka melato ya bogodu jwa loruo fa yo mongwe e le gone a tswang mo diatleng tsa mapodisi mme e bile tsheko ya gagwe e ise e fele.
Supt Gaobatlelwe o kopile beng ba loruo go disa diruiwa tsa bone ka go lebega magodu a setse a utswa motshegare diruiwa di ile mahulong.
O kopile batsadi gore ba leke thata go kgalemela bana ka gantsi go senya banana, fa bangwe ba bone ba setse ba ruile mme ba ise ba bereke gope e bile ba sa fiwa boswa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOODHOPE
Event : Interview
Date : 15 Mar 2023