'Bomme inaakanyeng le maranyane
13 Mar 2023
Go tokafatsa dipalo tse di kwa tlase tsa bana ba basetsana ba ba dirang dithuto tse di amanang le maranyane e leng Science, Technology, Engineering, and Mathematics (STEM) go ka nna le seabe mo go goleng ga dipalo tsa bomme ba ba mo ditirong tsa maranyane.
Ke bomme fela ba se kae ba ba innaakantseng le ditiro tse, ka jalo bomme ba tlhokana le go inaakanya le tiriso ya maranyane le go ithuta go dirisa didirisiwa tsa maranyane ka go ka thusa go tlhofofatsa le go tlhabolola matshelo a bone.
Se se builwe ke Mmegadikgang wa pele Mme Esther Kanaimba-Senai kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la bomme kwa Mahalapye bosheng, le le neng le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Tiriso Maranyane go Rotloetsa Tekatekano.
Mme Kanaimba-Senai o tlhalositse fa setlhogo se, se rotloetsa tiriso ya maranyane mo go ruteng le go rutuntsha segolo bogolo bomme le bana ba basetsana ba ba dirisang maranyane go fetola seemo sa bone, e bile se rotloetsa mafatshe go latedisa maduo a tiriso maranyane le seemo sa itsholelo sa bomme ka jaana go lemosega fa bomme ba tlhaela mo go tsa tiriso maranyane.
“Go botlhokwa go lemoga gore tiriso ya maranyane ke bomme, e tshwanetse ya simolola kwa moding wa thuto fa ba santse ba le basetsanyana,” a tlatsa.
A re bana ba basetsana ba tshwanetse go nna le kgatlhego ka le bone ba ka akola menyetla e e tsisiwang ke tiriso ya tsa maranyane.
“Bangwe ba dumela gore dithuto tsa maranyane di thata e bile di ka kgonwa ke basimane.
Ke nako ya go fetola kgodiso ya e e nnang e mo kgaphela kwa thoko mo menyetleng e e farologaneng, kgokgontsho ya basetsanyana ba ba dirang dithuto kgotsa ba tsena mo ditirong tse go tlwaelesegileng e le tsa borre le basimane le go tlhoka go fetsa dithuto ga bana ba basetsana ka mabaka a a farologaneng a a akaretsang lehuma le boimana,” ga tlhalosa Mme Kanaimba-Senai.
Mme Kanaimba-Senai a re seemo sa go salela kwa morago mo go tsa maranyane ga se ame bomme ba le nosi, mme se ama setshaba sotlhe ka batho ba ka se gatele pele ba se mmogo.
O rotloeditse bomme go nna le keletso ya go fetola matshelo a bone ka go dirisa maranyane mo dikgwebong tsa bone le ditiro dipe fela tse ba di dirang, ka se se ka oketsa dikitso tsa bone tsa tiriso ya maranyane ka ba sa tshwanela go tlogela ope kwa ntle.
O boletse fa nako ya segajaja sa COVID-19 e ne ya supa botlhokwa jwa tiriso ya maranyane mme a ba gakolola go tswelela ka go gweba mo lefaufaung, ka gore maranyane a tshwaraganya lefatshe lotlhe ka bophara e bile dikgang di anama motlhofo.
Fa a abelana maikaelelo a letsatsi, Mme Baleseng Marumo go tswa kwa ofising ya Bong ya Mahalapye o tlhalositse fa ba ipelela dikatlego tsa bomme tsa go tla go lemoga gore bomme ba tsweletse go le kae mo tirisong ya maranyane le dikgwebo, go sedimosa dikgwetlho tse bomme ba kopanang le tsone mo dikgwebong tsa bone le go tla ka methale e e ka ba thusang go fenya.
Fa a tlatsa, Mme Kanaimba-Senai o gakolotse bomme go emisa go tsholola dikgang tsa kgokgontsho kwa lekgotleng la ditsheko ka se se dira gore dipalo di seka tsa tsepama.
O supile fa bontsi jwa dikgang tsa kgokgontsho di bakwa ke lehuma ka go le bokete gore mme a tlogele rre ka e le ene a tlhokomelang mo lapeng ntswa a mo kgokgontsha.
O rotloeditse bomme go ikemela ka dinao gore ba kgone go tlhokomela bana ka kagiso ntle le kgokgontsho. END
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : Bokopano
Date : 13 Mar 2023