Letsatsi la bomme ke la itshekatsheko
08 Mar 2023
Bomme ba mapodisi ba rotloeditswe go nna motlotlo ka tiro ya bone , bogolo jang ka ke ee masisi ya go sireletsa setshaba le go tlhokomela ba malwapa a bone.
Ka jalo bomme ba, ba rotloeditswe go tswelela ba tshwere ka natla le go se ipone tsapa le mororo ba raletse dikgwetlho, ka maiteko a bone ke go aga setshaba. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la bomme le le neng le diretswe bomme ba mapodisi mo Gaborone ka Laboraro, Mme Botho Ntswaneng a re bomme ba tswa kgakala ba dira ka natla mme ba sa tsewe tsisa ka jalo go mo go bone gore ba itseye tsia ba bo ba supe gore le bone ba na le bokgoni.Mme Ntswaneng a re ba tshware ka thata, boineelo le ka kelotlhoko le gone gore le fa ba tshwere tiro ya bone ga ba lebale ba malwapa a bone, le gone go godisa bana ba basimane le ba basetsana ka go leka lekana.
O kopile Puso go tla ka melao e e gagametseng go itebaganya le melato e e dirwang bogolo jang ke borre ka go tsenya ditshwantsho tsa bomme ba sa ikatega mo maranyaneng e le tsela nngwe ya go ipusulosetsa. “Puso e tshwanetse go tlhomamisa gore maranyane a dirisiwa sentle eseng go sotlakakwa ga bomme le bana ba basetsana.”
Fa a amogela baeng, modiri wa metlobo ya dibuka kwa UB, Mme Lynn Jibril a re e setse ele selo modiro gore go bo go dirisiwa ditshwantsho tsa bomme le bana ba basetsana di sa siama. A re go le gantsi borre fa ba tlhoka kutlwisisanyo le bakapelo ba bone ba tabogela mo maranyaneng go tladika boleng jwa mme yo a sa tlholeng a na le maikutlo a go tswelela le ene mo go tsa marato.
Fa a bala molaetsa wa ga motshwarelela Ramapodisi, Senior Superintendent Bontle Matswiri o rotloeditse bomme ba mapodisi go emisa mokgwa wa go ikobonya kana go inyatsa fa go tsena mo dikgannyeng tsa tiriso ya maranyane ka ke one a ka ba thusa go lepalepana le badiri ka bone ba borre.A re ramapodisi o akgola bomme ba ba direlang mo matlwaneng a ditlhatlhobo tsa ditagi le ba ba dirisang di dirisiwa tsa gompieno tsa go tsaya menwana.A re keletso ya ga ramapodisi ke go bona dipalo tsa bomme ba ba tshwereng maemo di oketsega go tsamaleana le tsa borre. A re ba tsere tshwetso ya gore fa go hirwa mapodisi bomme ba lekalekane ka dipalo le borre. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ka Aubrey Maswabi
Location : GABORONE
Event : moletlo wa go ipelela letsatsi la bomme
Date : 08 Mar 2023