Breaking News

Ba kopilwe go ntsha batswakwa ba ba senang dipampiri

08 Mar 2023

 Banni ba Tutume ba filwe beke gore ba bo ba duetse batswakwa ba ba hirileng kwa masimong, merakeng le mo malwapeng ba sena dipampiri tse di ba letlang go nna mono.

Taelo e, e ntshitswe ke mookamela kgaolo ya lesome le botlhano ya sepodisi, Senior Superintendent Kabo Badirwang kwa Tutume ka Labobedi.

O tlhalositse gore se ga se go ba koba, ke gore e re ba le mono, e bo e le ka fa molaong, ba na le dipampiri tse di ba supang go re ke bo mang, le dipampiri tsa pereko.

Senior Superintendent Badirwang a re kgaolo ga e a tsoga ke ditiragalo tse di ngomolang pelo tsa dipolao tsa batho dingwe tsa tsone di dirwa ke batswakwa ba ba tseneng ka go sutlha molelwane ba tswa Zimbabwe.

A re batho ba, ba ipitsa ka maina a e seng a nnete go thatafaletsa mapodisi tiro fa ba batla motho wa go nna jalo fa a dirile molato.

O boletse fa ba santse ba le mo letsomong la babelaelwa mo ditiragalo tse batho ba bolailweng bosetlhogo ka 2018 kwa Nkange,  are go belaesega fa badira-melato e le batswakwa.

Senior Superintendent Badirwang o kopile ba ba  thapileng kana ba file bangwe boroko ba se na teseletso ya go nna mono, ba ba ise kwa kgotleng ka Labobedi wa beke e e tlang go re ba busediwe kwa ga bone.

A re e tlaare Mopitlo ale 14, ba bolotse letsholo la go phutha le go busetsa batswakwa botlhe ba ba tseneng mono e se ka fa molaong.

Senior Superintendent Badirwang a re ope yo o tlaa ikgatholosang kopo eo fa a ka fitlhelwa a nna le batho ba mofuta oo morago ga letsholo, o tlaa di gama a sa ditlhapela.

 Are banni ga ba tshele sentle ntanteng ya dirukutlhi.

Are ope yo o santseng a batla go thapa motswakwa o tlaa tshwanelwa ke go sala melawana ya tsa khiro morago. Senior Superintendent Badirwang o ngongoregile gape ka thekiso ya metsoko e e sa letlelelweng mono, motokwane le ditagi.

O kopile banni go loma mapodisi tsebe, a re sepodisi ka nosi ga se kake sa kgona go lwantsha borukutlhi.

Are ka kemo nokeng ya banni mapodisi aka thibela borukutlhi.

Banni ba ne ba lela ka bonya jwa go tsibogelwa ga boikuelo jwa bone ke mapodisi,ba re mogala wa ofisi o arajwa morago ga lobaka.

Ba ne ba akgola tiro e ntle e dirwang ke mookamedi oo ba re o supile kemo nokeng e ntsi thata mo go bone fa ba wetswe ke seru.  

Mongwe wa banni, Rre Imi Phili a re kgang ya go busetsa batswakwa ba ba tseneng ka go tlhaga molelwane e tswa kgakala mme go sena maduo ka ba bowa lone letsatsi le ba buseditsweng ga bone ka lone.  Rre Phili a re puso e tshwanetse go tla ka tharabololo ya sennelaruri. Mokhanselara wa kgaolo ya Tutume Bokone, Rre Dema Thani o supile ka monwana mapodisi mangwe a a sa tshegetseng sephiri sa ofisi.

A re bangwe mo go bone ga ba itse go tshwara ka tlhaa ka ba tsibosa batho go re ba nne pudi matseba fa go phuthiwa batswakwa kana go ratelwa ba gwebang ka ditagi, mme a re seo se folodisa maiteko a go lwantsha borukutlhi.

Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a ba-tsena phuthego, Senior Superintendent Badirwang a re tlharabololo ya sennelaruri ya go thibela tshologelo ya batswakwa ba ba sutlhang molelwane ke go emisa go ba thapa le go ba fa boroko.

O ne a ba kopa go ba loma tsebe fa ba lemoga fa gona le mapodisi a a sa direng tiro sentle,are banni ba na le tshwanelo ya go kgalema fa ba lemoga dilo dingwe di sa tsamaye sentle. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : POTSOLOTSO

Date : 08 Mar 2023