Mapodisi a rotloetsa tshwaragano
08 Mar 2023
Mogolwane wa mapodisi a Palapye, Superintendent Molly Lebala-Moduke a re tshwaragano ya mapodisi le setshaba e botlhokwa mo ntweng kgatlhanong le borukutlhi.
Superintendent Lebala-Moduke o buile se kwa kgaolong ya Extension 6 le 7 kwa Palapye ka Laboraro kwa a supileng fa mapodisi a ka se kgone tiro ntle le kemonokeng ya morafe.
Superintendent Lebala-Moduke yo ntseng a buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe ya sepodidi a re, maikaelelo a tsone ke go lekodisa le go akantshana gore go ka dirwa eng go hema borukutlhi gammogo le go utlwa matshwenyego a morafe.
A re maikaelelo ke go tsosolosa dikomiti tsa twantsho borukutlhi tse di akaretsang ntebele ke go lebele, komiti ya barui le ya bagwebi, ka ke tsone di nonotshang tshwaragano ya bone le setshaba.
O tlhalositse fa dikomiti tsa ntebele ke go lebele di na le maduo mo go lwantsheng borukuthi , a tlatsa ka gore gompieno bangwe ba leba fela ba re ga di ba ame.
A re batho ba santse ba tshaba go ntsha bosupi kana go nna malomatsebe fa ba bone tiragalo ya borukutlhi.
Superintendent Lebala-Moduke a re go na le batsadi bangwe ba ba amogelang le go reka dithoto tsa bogodu mme a tlhalosa gore ke molato go dira jalo.
A re borukutlhi ga bo kitla bo fokotsega fa go santse go na le batho ba ba dirang jalo, mme a tlhaolosa fa babeeletsi ba sekaseka seemo sa borukutlhi sa lefelo, pele ba ka gweba kwa go lone.
Superintendent Lebala-Moduke a re ba itlamile go bereka ka natla le go nna ba boela kwa setshabeng ka ditshwetso tse di amang dikgang tsa bone, mme a kopa banni go nna ba tsaya maina a badiri ba sepodisi fa ba ile go kopa dithuso kwa diofising.
Sub-Inspector Baboloki Machacha ene o tlhalositse fa molao wa Botswana o letlelela majalwa aa dirwang mo malwapeng a le matlhano fela a mokuru, khadi ya moretlwa le sukiri, setopoti, shemane le bojwalwa jwa morula.
A re bangwe bagwebi ba majalwa a, gammogo le ba marekisetso a chibuku le dibara, ga ba obamele dinako tsa go bula le go tswala.
Sub-Inspector Modiri Ntsie wa lekalana la borukutlhi jwa leruo kwa kgaolong ya Palapye a re bogodu jwa leruo bo kwa godimo. O gakolotse barui go tshuba marole a le kgwedi tse tharo, go hira badisa ba ba baitseng gammogo le go tlhama dikomiti tsa ntebele ke go lebele kwa merakeng.
Monni wa kgaolo ya Extension 7, Rre Reginald Moeti a re ga ba robadiwe ke borukutlhi jwa kgaolo eo, a supa fa mapodisi ba sa tsibogele dipego tsa bone fa ba tlhasetswe ke dirukutlhi kana ba bona sengwe se belaetsang.
Rre Charles Norman le ene e le wa Extension 7, a re o dirile maiteko a go tsosolosa komiti ya ntebele ke go lebele mme ga pala.
O gateletse botlhokwa jwa komiti e bogolo jang kwa dikgaolong tse di santseng di gola, mme a supa fa dikgwa tse di mo tikologong eo e le tsone tse di bakang borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 08 Mar 2023