Tsayang dikgang tsa kgokgontsho ka tlhwaafalo
07 Mar 2023
Ba-na-le seabe ba kopile go tshwaraganela go lwantsha kgokgontsho
Mothusa molaodi wa kgaolo ya Tutume, Mme Tapiwa Modise a re ga ba jesiwe di welang ke dikgang tsa kgokgotsho ya bong tse di anameng mo kgaolong eo.
Mme Modise o buile se kwa thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ba sepodisi sa Tutume, tebang le dikgang tsa kgokgontsho ya bong.
A re dikgang tseo di tshwanetswe go salwa morago le go bona gore di bakwa ke eng, mme kwa bofelong go batlwe tharabololo.
A re seo se ka kgonega fa mongwe le mongwe a ka nna le seabe, le go ntsha lentswe la kgalemo fa a lemoga fa dilo dingwe di sa tsamaye sentle mo tikologo e a leng mo go yone.
Mme Modise a re batho ba tshwanetse go tsaya ka tlhwaafalo fa ba begelwa dikgang tsa kgokgontsho, gona le go tsaya ditshwetso tse di seng maleba.
O kopile batho go kopa bogakolodi mo go ba bangwe gona le swela mo teng.
A tlatsa ka gore ba ba fang bogakolodi ga ba a tshwanela go tsaya letlhakore mme ba tshwanetse go nna boikanyego. A re go tsaya letlhakore go felela go kuketsa dikgang tsa kgokgontsho.
Mme Modise o ne a kgala mapodisi mangwe, a a nang le mokgwa wa go kgoba ka mafoko baikuedi ba dikgang tsa kgokgontsho bogolo jang borre, a re se se ka itsa borre bangwe go ikuela.
Mothusa molaodi a re batho ba tshwanetse go tshegetsa Setswana se se reng ‘molemo wa kgang ke go buiwa,’ a re kwa ntle ga go buisana ga go na tswelelopele.
Mogakolodi mo go tsa manyalo go tswa kwa Family Builder, Mme Elizabeth Tomango a re go lwantsha kgokgontsho go batla go lemogiwa modi wa one pele.
Mme Tomango a re bana ba ba godisetswang mo malwapeng a kgokgontsho ba tswelela ka yone le fa ba le ba tona.
A re malwapa a tshwanetse go godisetswa ka fa tlase ga kereke go re bana ba gole ba na le poifo Modimo, mme seo se tlaa fokotsa dikgang tsa kgokgontsho.
Mookamela kgaolo ya sepodisi ya District No. 15, Senior Superintendent Kabo Badirwang, a re maikaelelo a thuto-puisanyo eo, e ne e le go kgaogana le ba-na-le seabe dikgang tsa kgokgontsho ya bong mo kgaolong.
A re dikgang ditshwana le tsa titeo le go itseela dikobo ka dikgoka di a tshwenya.
Senior Superintendent Badirwang a re sepodisi se leka ka bojotlhe go lwantsha dikgang tseo, ka e bile go setse go tlhomilwe makalana a thusang banana a itebagantse le dikgang tsa kgokgontsho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Thuto-puisano
Date : 07 Mar 2023