Go ikgatholosa molao wa bana go a tshwenya
07 Mar 2023
Mokwaledi wa khansele potlana ya Ghanzi Botlhaba,Mme Mogomotsi Seemule are nako e tsile ya gore batsadi ba ba tlolang molao wa tlhokomelo le tshireletso ya bana ba lebisiwe molato le go otlhaiwa ka fa go tshwanetseng.
Mme Seemule o buile se bosheng kwa ymoletlong wa kaloso a mophato wa ‘balwela botshelo’, o o itebagantseng le bana ba khansele e neng ya ba phutha mo mekgwatlheng mme ya ba isa kwa motseng wa Motlhabaneng go sidilwa maikutlo, go rutiwa maele a botshelo, maitsholo aa siameng ga mmogo le go rutwa go tshela le ba bangwe ka kagiso.
A re boeteledipele jwa Ghanzi bo tshwenngwa ke batsadi ba ba ikgatholosang tlhokomelo ya bana ba bone ka seo ele go gataka ka dinao molao wa tshireletso le tlhokomelo ya bana.
O tlhalositse gore ntswa ngwana a sireleditswe ke molao wa tlhokomelo ya bana, go a tshwenya go bona bana ka bontsi ba tsweletse ka go saila mo mekgwatheng.
A re le fa motsadi a ka palelwa ke go go direla ngwana boswa jo bo rileng, fela o tshwanetse go mo godisa ka tsela e eleng gore o ka kgona go tshela botoka go ya pele. O ne a tlhagisa gore go gola ga ngwana a sena bokaedi ga go borai fela mo motsading, mme gole diphatsa le mo lefatsheng.
A re morago ga go bona gore bana ka bontsi ba nna mo mekgwatheng, khansele e ne ya tsaya boikarabelo jwa go rarabolola seemo se, ka maikaelelo a go fetola ka fa bana ba tshelang ka teng gore kgabagare ba nne mosola mo setshabeng.
Mme Seemule a re morago ga go phutha bana gone ga dirwa ditshekatsheko kwa malwapeng a bone tse di supileng gore ba ne ba sa tlhokomelwe sentle.
A re dithuto tse ba di filweng kwa Motlhabaneng di tsere malatsi a le supa mme go na le dikgwetlho ka maitsholo a bangwe e ne e le a a sa siamang.
“Ba emeletse ba le masome matlhano le boferabobedi (58) ba bowa bale masome matlhano le metso e mebedi (52),” a tllhalosa fa ba ne ba tshwanelwa ke go busa ba bangwe gore dithuto di tswelele ka kagiso.
O supile fa bana ba, ba tlaa nna kwa New Xade ba beilwe leitho ke ba thuto ba Out of School Education and Training (OSET), go ba sekaseka gore mo sekolong ba ka simolola fa kae.
A re morago ga tshekatsheko eo, ba ya go felela kwa dikoleng tse di farologaneng go lebilwe dikgakololo tsa baitsaanape ba tsa thuto. O ne a tlholosa gore bangwe ba ka nna ba felala ba dira ditiro tsa diatla go lebilwe bokgoni jwa bone.
A re ditshekatsheko tse di dirilweng ke bo maitsaanape ba tsa maikutlo le tlhaloganyo fa ba le kwa Motlhabaneng e tla nna moalo wa tshekatsheko ya ba OSET.
Gole pele Kgosi,Annah Rankho wa Ghanzi o supile fa ngwana mongwe le mongwe gona le kwa a tholegang teng ebile a na le tshwanelo ya botshelo le go tshela sentle. O ne gape a re bana ba na le tshwanelo ya go tsena sekole le go dibelwa kgatlhanong le kgokgontsho le go hirwa ba sale bannye. A re go rwesa puso mokgwelea wa go tlhokomela bana ke batsadi bangwe go supa go tlhoka boikarabelo.
Fa a tswa la gagwe Modulasetilo wa khansele potlana ya Ghanzi botlhaba,Rre Modise Madumane a re bana ba tlhoka tlhokomelo le thotoetso e e tseneletseng.
“Re tshwantse go kgalema re sosopantse phatla go ikgatholosa thokomolo ya bana le kgokgontsho ya bone.” One a gwetha botsadi go nna le lerato mo baneng, go netefatsa fa tiro ya sekole e dirwa sentle le go itse kwa bana ba bone ba leng teng ka nako tshothe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : kaloso a mophato wa ‘balwela botshelo’
Date : 07 Mar 2023