Breaking News

Ngwao ya go gotsa mo kgotleng e botlhokwa

06 Mar 2023

Kgosi Oageng Mosole wa kgotla ya Raphalane kwa Jwaneng a re ngwao ya go gotsa molelo mo kgotleng e tshwanetswe ya somarelwa ka jaana e na le bokao jo bogolo mo botshelong jwa Motswana.

A re jaaka baeteledipele ba morafe, konokono ya tiro ya bone ke go bopa motho le go somarela ditsamaiso tsa ngwao ya Setswana gore e seka ya nyelela.

E rile a bua kwa tirong ya go gotsa kgotla, kwa kgotleng ya Jwaneng ka Labotlhano, Kgosi Mosole a re maikaelelo a bone ke go netefatsa gore bokao le mokgwa wa kgotla di seka tsa nyelela, ka jalo ba tsosolosa ditsamaiso di tshwana le go gotsa molelo mo kgotleng.

A re go botlhokwa gore fa ba dira jalo, ba diragatse ditsamaiso jaaka di tlholegile kwa tshimologong, ka jalo go botlhokwa go lemoga gore ngwao ya go gotsa kgotla ga e akaretse bomme.

Kgosi Masole a re ba bone go tshwanela gore ba laletse bana ba basimane go tswa kwa dikoleng tse di farologanyeng mo Jwaneng gore ba tle go anywa dithuto tseo.

“Go botlhokwa gore mo go tsosoloseng ngwao e ya rona, re itsee motlhala re diragatse tsamaiso e e neng e dirisiwa, ka jalo lo seka lwa hakgamala gore ga re a tsenya bomme mo thulaganyong e ya go gotsa kgotla.”

E rile a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya Jwaneng, Rre Themba Pema a re e re ntswa molelo o na le bokao le ditiriso tse di farologanyeng mo merafeng, molelo ga se selo se se amanang le ngwao fela, mme le botlhokwa jwa one bo teng mo Baebeleng.

A re ka ngwao ya Sengwaketse, bana ba basimane ba ne ba rutiwa e bile ba rotloediwa go gotsa molelo phakela le maitseboa, e bile ba ne ba kgwathisiwa fa ba sa dire jalo.

“E ne e le moila gore lolwapa lo tlhole go sa gotsiwa molelo.”

A re molelo o, e ne e le bokopanelo jwa mo lwapeng, e bile e le gone fa dithuto ka bontsi di diragalelang teng.

O tlhalositse gore go le gantsi go ne go kopanelwa fa molelong maitseboa, bana ba nna ka go tlhatlologana ga bone, mme ba rutwe ka mainane le tse dingwe, gammogo le go apaya dijo tsa Setswana ka go farologana.

Rre Pema o boletse gore molelo o o gotsiwang mo kgotleng le one o na le melawana le meila ya one.

A re ke moila o motona go ralala kgosi le molelo, ka jaana go dumelwa e le go kgaoganya kgosi le morafe wa gagwe.

A re le gone go tla mo kgotleng ka bogone go tshwanetse ga tsewa ka matsetseleko go tlotla kgotla le lone leiso la molelo.

“Ka setso go tla mo kgotleng, e gotsitswe kana e sa gotsiwa, o tshwanetse go apara baki o le rre, ka gore fa o sa dire jalo go dumelwa gore o a bo o tsile go lwantsha kgosi, mme ka tsamaiso o ka atlholwa.

Baki e e supa tlotla, ke sone se o boneng le kwa bogwegadi mogwe a ne a sa letlelelwe go tsena a sa apara baki.”

A re go na le dikgong tse di dirisiwang go gotsa molelo, mme tsa moretlwa le motlopi e ne e le dingwe tsa tse di sa tshwanelang go gotsa molelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : tiro ya go gotsa kgotla

Date : 06 Mar 2023