Sons of Kings e abela Bonwapitse
06 Mar 2023
Mokgatlho wa bapalami ba dikuta, wa Sons of Kings MotorCycle Club, o abetse sekole se se botlana sa Bonwapitse motshini wa Nashua All-in-One Heavy-duty Printer o o lopileng P170 000 le dipampiri tse di lopileng P9 900.
Fa a bua kwa moletlong wa go rola dimpho semmusu kwa Bonwapitse ka Matlhatso, Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso o ne a akgolela Sons of Kings seabe sa bone mo go tlhabololeng thuto ya lefatshe leno.
Mopalamente Lesaso, yo gape e leng Mothusa Tona ya Thuto le Tlhabololo Dikitso, o ne a supa fa a swabisitswe ke palo e potlana ya batsadi ba ba neng ba tsene modiro.
“Golo mo le go dirang mo ke tsela nngwe ya go supa boikarabelo jwa lona mo setshabeng le go supa gore le kopanetse tlhabololo ya thuto le puso. Le a lemoga gore thuto e tlhoka rona rotlhe, re tshwanetse gore re e tshwaraganele re le barutabana, baithuti le batsadi,” Rre Lesaso a supa.
“Mpho e le e abileng e, e ya go nna sone sekao le segopotso sa gore lekile la nna le seabe mo thutong ya bana ba. Banni ba motse o le baithuti ba sekole se le bone ga ba na go lebala gore le kile la tsenya letsogo mo tokafatsong ya maduo a sekole se,” Rre Lesaso a tlatsa.
O supile fa puso e tsweletse ka go tla ka methale e e farologaneng ya go tokafatsa maduo a dikole le go tlhabolola thuto.
Bosheng, a re puso e simolodisitse go rutiwa ga baithuti ka diteme tsa batsadi ba bone gammogo le go abela baithuti le barutabana di tablets le di laptops gore ba kgone go ithuta le go ruta ka tsone.
Go ya pele, a re lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso le ikemiseditse gore moithuti mongwe le mongwe a kwale tllhatlhobo mo lekwalong lengwe le lengwe le a fetang ka lone mo sekoleng e seng gore baithuti ba ye go kopana le tllhatlhobo fela kwa lekwalong la bosupa.
Rre Lesaso a re goromente o simolotse lenaneo la Performance Based Assessment le ka lone baithuti ba tla tlhatlhobiwang mo lekwalong lengwe le lengwe le ba fetang ka lone.
“Re ya go kgaogana le go tlhatlhoba bana fela kwa lekwalong la bosupa. Re ya go simolola gore lekwalo lengwe le lengwe le moithuti a fetang ka lone a tlhatlhobiwe, go bona gore dithuto tsa gagwe o di kgona go le kae go ka fetela kwa pele. Ga re na go letlelela gore ngwana a fete lekwalo lepe fela a sa tlhatlhobiwa gotwe o tlaa tlhatlhobiwa kwa lekwalong la bosupa,” Rre Lesaso a tlhalosa.
Mo godimo ga moo, Rre Lesaso a re lephata la thuto gape le tlaa tswelela ka go netefatsa gore barutabana ba rutuntshiwa, gore le tlhabolole dikitso le dithutego tsa bone gammogo le go tsibogela matshwenyego otlhe a tshwana le a tlhaelo ya maroko a barutabana le matlwana a borutelo.
A re Sons of Kings e kgonne go aba dimpho ka thotloetso ya Nashua le Escanor Motorbike Dealership gammogo le mekgatlho e mengwe ya dikuta ya YOLO, Supremacy Bikerz, Boteti Riders, Three Chiefs, Ghetto Mamparas le Mekoko.
Mopalamente o rotloeditse batsadi go ema barutabana nokeng a bo a rotloetsa le baithuti go dira ka natla mo dithutong tsa bone gore ba kgone ba fenya ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa.
Fa a rolela mogokgo wa sekole sa Bonwapitse, Rre Cecil Nchingane dimpho, moeteledipele wa Sons of Kings MotorCycle Club, Rre Michael Morapedi o tlhalositse fa go simolodisa mokgatlho go bakilwe ke lorato lwa bone lwa dikuta.
“Selo se e leng gore go le gantsi re motlotlo ka sone, ke gone go abela ba ba tlhokileng lesego kgotsa ba na le botlhoki bope fela,” Rre Morapedi a tlhalosa.
A re ba ikemiseditse go itshwaraganya le boeteledipele jwa dikole ka go farologana, go thusa gore baithuti ba tlhatlhobiwe matlho ba bo ba abelwe digalase tsa matlho, a supa fa go tlhoka go bona sentle go kgona go nna le seabe mo kwelong tlase ya maduo a baithuti ka jalo go le botlhokwa gore go tsibogwe baithuti ba sa le bannye.
Fa a amogela dimpho, Rre Nchingane o lebogile Sons of Kings le botlhe ba ba tsentseng letsogo mo go atlegeng ga tiro e, seabe sa bone go thusa go tokafatsa thuto mo sekoleng sa gagwe.
O akgotse barutabana, Rre Lesley Lubinda le Mme Nametso Thobega maiteko a ba a dirileng go ngoka mokgatlho wa Sons of Kings go tla go abela sekole sa bone.
Seo, a re se supa fa ba na le kgatlhego go tokafatsa maduo le thuto ya baithuti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : BONWAPITSE
Event : Kabo dimpho
Date : 06 Mar 2023