Breaking News

Go boloka ngwao go botlhokwa- Mmusi

05 Mar 2023

Morafe wa Bahurutshe kwa Mmankgodi o rotloeditswe go somarela le gone go gatisa ditso tsa bone go itsa go nyelela.

Mopalamente wa Gabane/Mmankgodi, Rre Kagiso Mmusi o buile seo kwa Gabane fa a buisana le ba metlobo ya polokelo ya ditso ka ditso tsa Bahurutshe.

Rre Mmusi a re o bone go le mosola gore a buisane le ba metlobo le polokelo ya ditso go tla go gatisa ditso tsa Bahurutshi ba Mmankgodi.

A re go nyelela ga ditso go raya gore dikokomane tsa Bahurutshe ga dina go itse gore ba tlholega kae, e bile go tsile jang gore ba bo ba le mo Mmankgodi.

O tlhalositse fa ba metlobo ya polokelo ditso ba tlaa nwa Kgosi Khuduga Le Kgosi Thobega moro ka ditso tsa Bahurutshe.

Rre Mmusi, yo gape a leng Tona ya tsa Itshireletso le Thokgamo a re ditso ke tsone tse di bopang lefatshe ka difa bokao, eseng fela mo gae mme le kwa ntle ga lefatshe, ka di fa seriti sa gore batho ke bo mang e bile ba tlholega kae.

O tlhalositse gore malatsi ano mo dikoleng, bana ba rutiwa ka ditso, jaanong go botlhokwa gore Bahurutshe ba di somarele gore baithuti ba kgone go di itse.

O ne akgola ba metlobo le polokelo ya ditso tiro e ba e dirang ka manontlhotlho ya go tsamaya ba gatisa ditso tsa merafe lefatshe ka bophara, ka se se boloka letso la Batswana le merafe ka kakaretso.

A re ba metlobo le polokelo ya ditso ba buletse mongwe le mongwe gore o ka tla kwa go bone, go balelwa le mapolotiki ka gore lefatshe le le agilwe e bile le eteletswe pele ke bone gammogo le dikgosi.

Mongwe wa bagolo ba motse, Mme Kegaisamang Rathari a re go latlhega ga ngwao ke go latlhegelwa ke seriti. A re ka jalo go botlhokwa go boloka ngwao le ditso gore di tle e dirisiwe ke ba ba tswang kwa morago.

Kgosi Letlole Thobega wa Mmankgodi o ne a tlhalosa fa Bahurutshe ba tlholega kwa lefatsheng la Afrika Borwa kwa Borutwa, mme ba thibelela mo Botswana ba tla ba sia kgokgontsho ya maburu.

Kgosi Thobega a re Bahurutshe ba gorogile mo Botswana ka 1852, ba eteletswe pele ke Kgosi Masega, mme ba gorogela mo Dimawe ba amogelwa ke Kgosi Sechele.

Morafe wa Bahurutshe o ne wa fudugela kwa Dithejwane morago ga ntwa ya Dimawe, mme ya re morago ba boela Mmankgodi kwa ba fitlhelwang teng gompieno.

Morafe wa Bahurutshe o ne o bina Phofu, mme gompieno sereto sa bone ke Tshwene.

Kgosi Thobega o supile fa motse wa Bahurutshe o na le dikgotla di le nne e leng; Monneng, Mochibidu, Nong le Segona, e bile bogosi jwa bone bo a tsalelwa eseng go tlhophiwa.

Kgosi Thobega a re mo bo gompienong Bahurutshe ba tshela le merafe ya Bakwena, Babididi, Mathosa, Marokologadi, Matebele, Banogeng le e mengwe mo motseng wa Mmankgodi. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Itumeleng Naane

Location : MMANKGODI

Event : PUISANYO

Date : 05 Mar 2023