Manake o akgola Setlhoa sa Tumelo
05 Mar 2023
Mothusa Tona wa Papadi le Madirelo Mme Beauty Manake o akgotse setlhopha sa Setlhoa sa Tumelo go tswelela ba supa mowa wa kutlwelobotlhoko le go fa seriti ba ba tlhokileng lesego.
Setlhopha se, se abetse sekole sa Re Ka Kgona se se rutang ba-na-le-bogole go roka gore ba kgone ba dirisa dikitso tsa bone go itshetsa.
Mme Manake a re go a kgatlhisa go bona setlhopha sa Setlhoa sa Tumelo se tsenya letsogo mo go direleleng setshaba se ba nnang le sone mo Selebi Phikwe ka go abela sekole malao le dikobo tse di tlaa thusang baithuti ka paka ya mariga.
“Mpho e e supa fa le na le mowa wa bojammogo mme ke lebogela bopelontle ja lona. Go sego letsogo le le abang.”
A re fa e sale sekole sa Re Ka Kgona se simolola ka 1990, se tsweletse ka go rutuntsa le go nonotsha ba-na-le-bogole le go ba fa seriti. A re sekole se, se tsweletse ka go alosa borre le bomme ba ba nang le maikarabelo ebile ba tsaya karolo mo ditirong tsa setshaba.
A re puso le yone e tseetse ba-na-le-bogole kwa godimo mme ke sone se e tsweletseng ka go fetisa melao go thusa go tlhabolola matshelo a bone.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa setlhopha sa Setlhoa sa Tumelo Mme Chipo Matthews a re setlhopha se simolotse ka ngwaga wa 2010 ka maikaelelo a go anamisa lefoko la modimo ka moopelo.
A re setlhopha se, se agilwe ka maloko a le masome mararo go tswa mo Selebi Phikwe le mafelo a mabapi e bile se eletsa go dira letseno ka dikgaisano tsa mmino mme mmorago ba dirise dipoelo go abela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Morago ga go lemoga fa baithuti ba Re Ka kgona ba na le letlhoko la malao ba ne ba gwetlhega go kgobokanya madi mme ba rekela sekole malao a le matlhano le dikobo.
Mme Matthews a re go rera lefoko la modimo fela ga go a lekana mme go botlhokwa go tsisa pharologanyo mo matshelong a batho ka go ba abela fa go nang le lethoko teng.
Fa a amogela mpho e mo boemong ja sekole, Mogolwane wa tsa boipelego Rre Kgomotsego Basaako o lebogetse mpho e, a tlhalosa fa e tla thusa go tlamela ba-na-le-bogole ba sekole seo.
Rre Basaako a re ele ba boipelego ba rotloetsa thata gore batho ba kgone go itshetsa le ba malapa a bone mme ke sone se ofisi ya gagwe e tsweletseng ka go rotloetsa ba-na-le-bogole go dirisa dikitso tsa bone tsa go roka go itlhamela ditiro.
A re sekole se, se ntsha maduo a kwa godimo ebile baithuti ba sone ba thapilwe mo madirelong a go roka fa bangwe ba itlhametse ditiro.
Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Lucas Modimana a re kitso ke konokono ya itsholelo ya lefatshe ka jalo go botlhokwa go nonotsha baithuti gore ba tsoge ba tlhabolola lefatshe leno ka dikitso tsa bone le go godisa itsholelo ya lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Kabo dimpho
Date : 05 Mar 2023