Malwetse a a sa tshelanweng matshosetsi
05 Mar 2023
Dipatlisiso tsa lekgotla la World Health Organisation di supa fa e tlaare mo dingwageng tse lesome tse di tlang, 74 per cent ya batho lefatshe ka bophara e amiwe ke malwetse a a sa tshelanweng.
Se se tlhalositswe ke mogokaganyi wa ditirelo tsa bolwetsi jwa TB kwa Serowe/Palapye District Health Management Team, Mme Baitsekgabo Majelantle kwa segopotsong sa letsatsi la botsogo jo bo siameng kwa sekoleng se segolwane sa Patikwane ka Labotlhano.
Letsatsi le, le ne le ketikiwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Malwetse a a sa Tshelanweng, O Se o Se Jang.
Mme Majelantle a re morago ga go lemoga seo, mafatshe a SADC a ne a tsaya tshwetso ya go dira segopotso sa malwetse a a sa tshelanweng ngwaga le ngwaga, maikaelelo e le go tsibosa batho ka botlhokwa jwa botsogo jo bo siameng.
O tlhalositse fa letsatsi le, e le sebaka sa go supa tse di ka tsenyang motho mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse a a sa tshelanweng le go anya thuto ka thibelo ya malwetse a.
Mme Majelantle a re ba tlhophile go keteka letsatsi le le bana ba sekole gore le bone ba tseye karolo ka gore mo dingwageng tse di lesome go ya go tse di masome a mabedi tse di tlang, bana ba e tlaabo e le bomme le borre ba ba ka iphitlhelang ba lwala malwetse a a sa tshelanweng.
”Re tsile kwa go lona gore re tle re le fe dikgakololo gore le tle le tshele botshelo jo bo siameng, le seka la tshela lebaka le letelele ka manokonoko a malwetse a a tshwana le sukiri, kankere le madi a a kwa godimo,” Mme Majelantle a tlhalosa.
O tlhalositse fa batho ba tshwanetse go itlwaetsa go ya kwa dikokelwaneng le fa ba sa lwale, go itlhatlhobela malwetse ka go farologana a re se ke go itsa go tshwarwa ka malwetse go setse go le thari ebile bo ka se tlhole bo laolesega.
Mme Majelantle o kaile fa Botswana a dirisa madi a mantsi go reka melemo a re batho ba tshwanetse go itsa go tsenwa ke malwetse a a sa tshelanweng.
A re dintsho di le dintsi di bakwa ke selo se se kgonang go laolesega jaaka o ne malwetse a a sa tshelanweng ka jalo, botlhe ba tshwanetse go ema ka dinao kgatlhanong le malwetse a.
Go tsaya karolo mo segopotsong se, bana ba sekole sa Patikwane ba ne ba tshwara ngangisano ba itebagantse le moono wa letsatsi fa bangwe ba bone ba ne ba tsere karolo mo piletsong mafoko le dipotso tse dikhutshwane.
Morago ga moo ba Serowe/Palapye DHMT ba ne ba abela sekole sekale se se tlholang bokete jwa mmele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : PATIKWANE
Event : POTSOLOTSO
Date : 05 Mar 2023