Breaking News

Lephata le tsibosa banni ka bojalwa ditagi

05 Mar 2023

Ba lephata la botsogo kwa kgaolong ya Letlhakeng ba ne ba tshwere dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao ka maikaelelo a go tsibosa banni ka bodiphatsa le ditlamorago tsa go nwa le go dirisa ditagi phetelela.

Motshameko oo, o ne wa fenngwa ke setlhopha sa Thebephatshwa. Se ne sa latelwa ke setlhopha sa Salajwe, fa maemo a boraro a tsewa ke setlhopha sa Moshaweng, fa a bone a tserwe ke sa Takatokwane.Kgaisano e sale e simolotse mme tiro ya letsatsi ka Labotlhano kwa Letlhakeng, e ne e le go atswa bao ba ba dirileng sentle.

Erile a bua ka maikaelelo a letsatsi, mogolwane go tswa kwa Botswana Police Sub Inpsector Seabo Taolo, o tlhalositse fa dipalo tsa batho ba ba dirisang nnotagi di gola, a tlatsa ka go supa fa di baka dikgotlhang mo malwapeng.

O tlhalositse go na le ba-lwala tlhaloganyo ba le bantsi mo kgaolong ka ntlha ya dinotagi.  Sub Inspector are bontsi jwa batsadi ba ba dirisang nnotagi ga ba tlhokomele bana sentle ka ba tlhola kwa majalweng, kwa madi a bone a felelang teng.

Mogolwane o boletse fa bana ba felela ba tlhakanela dikobo ba sale bannye ka ba sena tlhokomelo sentle, mme ba felele ba ima ba ba le dingwaga tse di kwa tlase.

O kopile batsadi go tlhokomela bana ba bone thata, le gone go nna ba tlhodumela dibeke tsa bone tsa sekole ka jaana batho ba kgona go roma bana go ba rekisetsa diritibatsi.

Modulasetilo wa khansele ya Letlhakeng ebile e le mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Anderson Mathibe, o ne a supa fa bana ba kgaolo ya Letlhakeng ba a nwa bojalwa ba sale bannye.

Modulasetilo o tlhalositse fa motshameko wa kgwele ya dinao e le one o ka  ngokang batho ka bontsi, ka jalo ba botsogo ba o dirisitse go ngokela batho go tla go amogela molaetsa wa go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi.

O tlhalositse gore fa batsadi ba ka ikaga, go ka thusa gore bana ba bone ba seka ba tswa mo tseleng.

O tsweletse a tlhalosa fa dintsho tsa dipolaano di oketsega mo kgaolong mme ba lemogile fa di okediwa ke tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi.

Rre Mathibe o ne a supa fa lefatshe le le senang kokomane e e nang le seriti e se lefatshe, ka jalo a kopa batsadi go tsaya kgato ka bonako fa bana ba bone ba tswa mo tseleng.

Modulasetilo o ne a tlhalosa gape fa bontsi jwa ditalente bo le kwa kgolegelong ka ntlha ya tiriso botlhaswa ya nnotagi, a bo a tlhalosa fa a tla a thusa ka go batlela komiti barotloetsi go lwantsha mmaba yo o ba emeng pele. Setlhopha sa Thebephatshwa se ne sa ikgapela kopi, kgapetlana ya gauta, kapari ya motshameko le bolo.

Setlhopha sa Salajwe se ne sa ikgapela bolo, letloa le kgapetllana ya selefera fa sa Moshaweng se ne sa ikgapela bolo le kgapetlana ya bronze. Rre Boniface Rathari wa setlhopha sa Salajwe o ne a ikgapela tlota ya motshameki yo o gaisitseng fa motshameki ka ene, Rre Lawrence Thatayagae a ne a nna motshwara dinno yoo gaisitseng.

Rre Gontse Raokwa wa sa Moshaweng o ne a ba gaisa ka go nosa dino tse di kwa godimo. Batshameki ba botlhe ba ne ba ikgapela dikopi.  BOKHUTHO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : POTSOLOTSO

Date : 05 Mar 2023