Breaking News

Ba le barataro ba tlhokafetse mo kotsing

03 Mar 2023

Mapodisi a Lobatse a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone batho ba le barataro ba tlhokafetseng mo kotsing ya tsela kwa  Molapowabojang ka Labone.


Mookamela mapodisi a Lobatse, Superintendent Baakile Moshashane o Boleletse BOPA mo potsolotsong gore teraka  e e rwalang  dithoto e e neng e tswa  Afrika Borwa e ya  Namibia e thudile  khombi e e neng e pegile batho ba le lesome le borataro, mme batho ba le barataro  ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le boferabongwe  go ya kwa go tse di masome matlhano le boraro ba tlhokafala.


A re bapalami ba bangwe ba bone le dikgobalo tse di masisi mo e bileng ba fetiseditswe kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone morago ga go bonwa ke ba bongaka kwa kokelong ya Athlone kwa Lobatse.

Ba le bane ba alafetswe dikgobalo tse dipotlana mme ba gololwa. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Grace Sebati

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 03 Mar 2023