Tshwaragano konokono mo go tsosoloseng thuto
02 Mar 2023
Tshwaragano ya batsadi le barutabana ke konokono mo go tsosoloseng serodumo sa thuto ya lefatshe leno.
Se se builwe ke Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, yo gape e leng mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Mme Nnaniki Makwinja fa a ne a etetse kwa sekolong se se botlana sa Gakuto ka Laboraro.
Maikaelelo a leeto leo, ene ele go abelana megopolo ya go tokafatsa seemo sa thuto mo sekoleng seo le ba-na-le seabe.
Mme Makwinja o ne a akgolela barutabana ba sekole seo tiro e ntle e ba e dirang ka maduo a sone a tokafala.
Mothusa tona a re mo nakong eno, sekole se okeditse maduo a sone a lekwalo lwa bosupa ka 6 per cent, ka thotloetso e ba e neelang baithuti.
A re seo ke sekao sa gore peo e barutabana ba e jwadileng ga e a wela mo mmung o o lekgarapa.
Mme Makwinja a re lentswa seru sa COVID-19 se ne sa ama maduo le maitsholo a bana mo dikolong, go a itumedisa gore sekolo sa Gakuto sone se ne sa gatela pele.
O ne gape a akgolela barutabana ba sekole seo boineelo le bopelotelele jo ba bo supileng mo tirong, mme a ba kopa go tswelela ka go rotloetsa bana go tsaa thuto ya bone ka thwaafalo.
O tlhalositse fa thuto e lengwe ya matshego a a ka dirisiwang go itlhotlhora lehuma le go tlhabolola matshelo a batho
Mme Makwinja o ne gape a re mo maitekong a go tsosolosa seemo, puso e abela baithuti le barutabana didirisiwa tsa maranyane, seo ele nngwe tsela ya go isa thuto kwa pele ga dilo tsotlhe mo lefatsheng leno.
O ne a tlhalosa fa maranyane a le botlhokwa ka mo malatsing ano, motho a kgona go dira dithuto dingwe le dingwe mo maranyaneng a le mo lwapeng, go na le go ya sekoleng.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Elizabeth Letsholo a re le ntswa se dirile botoka, go na le dikgwetlho di akaretsa tlhaelo ya matlo a borutelo, matlo a borobalo a barutabana le lefifi le le apereng sekole mo go felelang go baa matshelo a bone mo diphatseng.
Mme Letsholo o ne a kopa tona go ba kopela dipone tsa marang a letsatsi mo go ba ba maleba, go thusa go lwantsha seemo seo.
Fa a tswa la gagwe, Mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Rre Douglas Sesimanyana o ne a bolela fa khansele e ntshitse madi go aga matlo a borutelo a le mane.
O boletse fa tiro e sa le e simolotswe ka Ngwanatsele ngwaga o fetileng, mme e solofetswe go wela ka Phatwe monongwaga.
O tsweletse gape a re go dumalanwe gore madi a ditlhabololo a ngwaga o o latelang a dirisiwe go shafatsa matlo a borutelo mo dikoleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Ketelo
Date : 02 Mar 2023