Breaking News

Khansele e tsaya megopolo ka sekano

02 Mar 2023

Banni ba Etsha 6 ba ntshitse mogopolo wa go re sekano sa khansele ya bone ya Okavango se nne le dilo jaaka tlou go supa bojanala, tlatlana go supa bodiragatsi, mokoro go supa noka ya Okakango, diako tsa mabele go supa temo le tse dingwe.

Banni ba ne ba ntsha megopolo mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya kanamiso mafoko ya Khansele ya Okavango ka Mosupologo.

Moanamisa mafoko wa khansele eo, Rre Ofentse Gaogakwe one a tlhalosa fa se se tla morago ga gore khansele eo e godisiwe go nna e e ikemetseng.

Rre Gaogakwe one a re ba phutha megopolo ka sekano sa khansele ya Okavango gore e tswe mo sekanong sa pele sa khansele ya Bokone Bophirima ka dikhansele tseo tsotlhe di ikemetse.

O ne a re ba ofisi ya kanamiso mafoko ya khansele ya Okavango ba mo letsholong la go tsaya megopolo mme ba simolotse kwa Gudigwa, a tlatsa ka gore ba ya go tsamaya le metse yotlhe go fitlha kwa Xaixai.

Rre Gaogakwe o tlhalositse fa e tla a re ba sena go wetsa diphuthego ba tlhophe dikano di le tlhano tse di tlhophilweng ke batho ka dipalo tse dintsi go ka dira sekano sa khansele eo.

A re ba bone go le botlhokwa gore banni ba kgaolo eo ba nne le seabe mo go dirweng ga sekano sa khansele ya bone ka se tshwanetse go supa matshelo le dingwao tsa bone.

A tlatsa ka gore morago ga go tlhopha dikano tse di ka dirang sekao seo go tla a lalediwa banni gore ba dire ditshwantsho tsa sekano mme yo o tla a tswang mofenyi o tla a atswiwa, a re ditshwantsho tseo go amogelwa tse di direlweng ka diatla kgotsa maranyane.

Kgosi Boitshepo Forosi wa Etsha 6 ene ya re go le pele a kopa banni ba motse wa gagwe go tswa ka megopolo. 

O ne a re ene o eletsa sekano seo se ka nna le dinaka tsa ditlou go supa bojanala, lentswe la Tsodilo, diako tsa lebelebele, tlatlana le noka ya Okavango. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : ETSHA 6

Event : Phuthego

Date : 02 Mar 2023