Tawana o boela bogosi
02 Mar 2023
Batawana ba ne ba tletse kgotla yoo Tawana go tla go rolelwa fa Kgosi Tawana a tlaa boela setilo sa bogosi kgwedi e e tlang e tlhola malatsi a le mararo.
Ya re motshwarelwa kgosi, Mme Kealetile Moremi a rola mafoko, bomme ba galaotega ka megolokwane fa borre bone ba reta e le tsela ya go amogela dikgang tse di molemo.
Kgosi Moremi o ne a tlhalosa fa borangwane a kgosi le bone ba lebogetse tona wa dikgaolo go amogela kopo ya morafe ya gore mong wa bone a boele setilo. Kgosi Tawana o ne a ithola marapo ka 2003 go inaakanya le polotiki mme ya re ka 2019 a tshaisa.
E ne ya re ba mo kgwa dikgaba, morafe wa leboga o tlhalosa fa o sale o letile gore kgosi kgolo a boe.
Bangwe ba ne ba kopa gore go dirwe mokete fa a simolola tiro fa bangwe ba re mokete o ka dirwa morago.
Mongwe wa banni, Rre Seoka Kenosi o ne a gakolola mophato wa Bashimane ba khosing go ema ka dinao go dira tiro ya bone.
O ne a leboga Kgosi Kealetile go bo a dirile tiro ka botswapelo.
Rre Kabelo Gothaang o ne a lebogela morero a re o supa tshwaragano ya morafe.
A re mo dikgaolong tse dingwe ga go motlhofo gore fa motho a tshwareletse a bo a ka suta fela go se na dikgogakgogano.
A re bogosi joo Tawana bo supile neelano e le tsela ya go tlotlomatso serudumo sa bogosi e bile o eletsa gore merafe e mengwe e tsee malebela. Ends
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 02 Mar 2023