Medupi o aba ntlo kwa Kokotsha
01 Mar 2023
Moeteledipele wa Kokotsha Community Horse Racing Association Rre Kabo Medupi o gwethile botlhe go nna le seabe mo go rotloetseng mabelo a dipitse ka ana le bokgoni jwa go fetola matshelo a batho.
Rre Medupi o buile se jaaka a ne a abela ba lelwapa la ga Mme Baby Thumpe ntlo kwa Kokotsha mo kgaolong ya Tsabong ka Matlhatso.
Ka go tlhoka lesego, Mme Thumpe o ne a tlhokafala malatsi a le mabedi pele ga a amogela ntlo eo.
Rre Medupi o tlhalositse fa a ne a gwetlhega go tsaya kgato a bona seemo se Mme Thumpe le bana ba gagwe ba ba tlhano ba neng ba tshelela mo go sone.
Are o ne a tla ka mogopolo wa go feleletsa ntlo e Mme Thumpe a neng a leka go e agela ba lelwapa la gagwe ka a ne a lemoga fa go le thata mo go ene.
O boletse gore go goleng ga gagwe, Mme Thumpe o ne a etela thata lelwapa la batsadi ba gagwe, a kopa go ga metsi. Are o ne a lemoga gape fa botsogo jwa gagwe bo reketla.
“Ka jalo, ke ne ka tsaya matsapa a go ikopanya le mmaboipelego ka maikaelelo a go feleletsa ntlo e ke neng ke e fitlhetse e setse e simolotswe.”
Rre Medupi o ne a kopa dikhamphani ga mmogo le setshaba go thusa ka tse di tlhokafalang mo teng ga ntlo.
“Ka bokhutshwane nna toro yame ke e dirile mme ke leboga modimo gore ke kgonne,”a tlhalosa, mme a supa jalo gore se se ngomolang pelo ke gore Mme Thumpe o tlhokafetse pele ga a amogela ntlo e.
O kaile fa mabelo a dipitse a tlhoka thotloetso e ntsi fela thata, a re mo nakong ya gompieno, ba mo motshamekong oo ka lorato fela.
Mopalamente wa Kgalagadi Borwa Rre Samuel Brooks o ne a akgola Rre Medupi, are mpho eo e tlisa menyenyo le boitumelo mo difatlhegong tse di tlhontseng.
O ne a gakolola ba ba salang le ntlo go e tlhokomela, a bo a gakolola ba ofisi ya ga mmaboipelego go tswelela ba thusa ba lelwapa leo.
Mothusa modulasetilo wa khansele ya Tsabong Rre Ronald Baitsewe a re moswi o ne a thusiwa ke ba lephata la boipelego mme a supa gore ka mabaka a tlhaelo ya madi, puso ga e kake ya kgona go tlamela batlhoki botlhe e le nosi.
Ka jalo o tlhalositse fa go le botlhokwa gore ba ba kgonang ba tsenye letsogo. O supile fa khansele e tlaa agela batlhoki matlo a le mane mo Kokotsha. Fa a amogela ntlo eo, kgaitsadia moswi Rre White Thumpe o ne a leboga Rre Medupi mo maitekong a gagwe a go thusa Mme Thumpe ka go tsweledisa se kgaitsadie e neng a se simolotse mme go le thata go fetsa.
Modulasetilo wa khansele ya borwa botlhaba Rre Oshima Peloewetse a re seo ke maiteko a mantle a botlhe ba tshwanetseng ba tsaya malebela mo go one.
A re go botlhokwa go fa motho seriti go na le go mo itumedisa ka nakwana.
Ba khamphani ya Letshego ba ne ba solofetsa go aga ntlwana ya boitiketso mo ntlong eo le go reka bolao.
Tiro ya kabo ntlo e ne ya salwa morago ke mabelo a dipitse a Kokotsha Summer Race. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : KOKOTSHA
Event : Kabo ya ntlo
Date : 01 Mar 2023