Kereke ya Wesele e tlhoma Gaarekwe
01 Mar 2023
Bakeresete ba rotloeditswe go ikanya Modimo le go baya tshepo ya bone yotlhe mo go ene ka dipaka tsotlhe.
Se se builwe ke Moruti wa Methodist Church of Southern Africa (Wesele), ya Gaborone, Bishop Motseoatile Morokane kwa moletlong wa go tlhoma semmuso Moruti Sethunya Gaarekwe wa Kereke wa Botswana Central Circuit, kwa Mahalapye, ka Tshipi.
Bishop Morokane o rotloeditse Moruti Gaarekwe go tsaya thomo ya gagwe ka mowa o o phuthulogileng le go baya tsotlhe mo Modimong.
O gateletse botlhokwa jwa tirisano mmogo. O ne gape a rotloetsa maloko a Botswana Central Circuit go ikanya thapelo ka e le yone fela e e ka ba tshwaraganyang le Modimo, go ba kaela tsela ya boamamaruri mo diemong tsotlhe. A re thapelo ke yone fela seikokotlelo sa botlhokwa ka le bogale jwa segajaja sa COVID-19 bo ne jwa fenngwa ka lebaka la thapelo le boutlwelobotlhoko jwa Modimo. Botswana Central Circuit e akaretsa maloko a kereke ya Wesele a Shoshong, Serowe, Palapye le Mahalapye.
Fa a amogela thomo ya gagwe, Moruti Gaarekwe, yo o neng a patilwe ke Mohumagadi wa gagwe Mme Bonolo Gaarekwe, o lebogetse go nna moruti wa Botswana Central Circuit a re seo ke tshegofatso e a e tsayang ka tlhwaafalo.
Moruti Gaarekwe o kopile maloko go mo itshwarela le go mo gakolola ka gonne dinako dingwe o tlaa tsaya ditshwetso dingwe tse di tla ba utlwisang botlhoko, a tlatsa ka gore ‘mme le nne le thotloetso le sebete sa go mpaya fa fatshe le nkgakolole a bo le ntshupegetse diphoso tsame’.
“Mme le itseng fa tsotlhe tseo, ke tla di dirang kgotsa ke tla di buang ke tla di dira ka lorato. Rotlhe re tlhoka go amiwa le go loodiwa ke Modimo gore re fetoge, mme seo ga se bonolo,” ga bua Moruti Gaarekwe.
Moruti Gaarekwe o tshepisitse fa a tla ikanya mo Modimong le kemonokeng ya phuthego gore a kgone go ba etelela sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Tlhomo ya moruti
Date : 01 Mar 2023