Breaking News

Ratoropo o rotloetsa tshomarelo ya matlotlo ngwao

01 Mar 2023

Ratoropo wa Lobatse, Rre Mosimanegape Dithebe a re go botlhokwa go sireletsa matlotlo le ngwao ka gore di ka dirisiwa go tlisa letseno la madi, le gone go tlhama ditiro.

Rre Dithebe o buile mafoko ao mo phuthegong ya kgotla kwa Thema/Motswedi mo Lobatse ka Labone. Maikaelelo a phuthego e ne e le go akaretsa banana mo thulaganyong ya ngwao le matlotlo, e Khansele ya Lobatse e e tshwaraganetseng le toropo nngwe kwa lefatsheng la Sweden.

Rre Dithebe a re go botlhokwa gore ba-na-le-seabe botlhe ba tseye karolo gommogo le banana. A re toropo ya Lobatse e na le ditso tse di farologanyeng, tse di ka dirisiwang go e dira sekgantshwane lefatshe ka bophara, jaaka bangwe bagaka ba ba lwela kgololesego ba fetile mo toropong ya Lobatse.

Mo go tse dingwe, Ratoropo o boletse gore go botlhokwa go sireletsa dikitso tsa mo gae gore batswakwa ba kgatlhegele dithoto le ditso. 

O ne gape a rotloetsa gore lenaneo le tsewe ka tlhwaafalo. Mme Bono Mmusi go tswa kwa ofising ya tsa ngwao, matlotlo le bojanala, o ne a tlhalosa gore maikaelelo magolo a lenaneo le ke go tsholetsa bojanala, ngwao le ditso gore di kgone go ngoka bajanala ka bontsi, a tlatsa ka gore bojanala jwa ditso bo ka tsisetsa banni ba Lobatse letseno.

Fa a ntsha la gagwe, Mme Kenosi Mmereki a re maikaelelo a mangwe a lenaneo leo ke go nonotsha bokgoni jwa dikhansele go sireletsa matlotlo le ngwao. A re ditso dingwe tsa lefatshe la Botswana di simologile mo toropong ya Lobatse.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Thema /Motswedi, Mme Kenanao Mononi o ne a rotloetsa Batswana go tlotlomatsa matlotlo a Lobatse, a re seo se ka thusa go dira madi ka ditsela tse di farologanyeng. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Phuthego

Date : 01 Mar 2023