Breaking News

Bofelelong Jwa Tsela o ruta ka kgokgontsho

28 Feb 2023

Motshameko wa Bofelelong Jwa Tsela o o simolodisitsweng kwa Maitisong ka Matlhatso, 

o supilwe fa o le botlhokwa ka o, o fa setshaba maele gore go a kgonagala gore motho a tswe mo kgokgontshong ya bong.

Motshameko o, oo rulagantsweng ke ba mokgatlho wa Stepping Stones International (SSI) go tswa kwa Mochudi  o supa lelwapa le mo go lone rre a kgokgontshang mme ka mafoko gammogo le gone go mo keteka.

 Ere ka setlhako se babalela morwadi, mme o ne a bona gore a iphalotse pele a latlhegelwa ke botshelo. 

E ntse e le mo motshamekong o, go na le rre yo o godisang bana a le esi, wa mosetsana le wa mosimane. Rre yo o tlhakanela dikobo le bana ba, phelelong wa mosimane ka go kokonelwa ke se, a ikgapela botshelo.

Motshameko o o supa kgokgontsho ya maikutlo e mo go yone baratani ba buisanang dipuo tse di botlha, gape ba lwa.  

Bobedi jo bo itshokile fela le fa go se monate, selo se bontsi jwa babogedi ba neng ba re se supa marato a malatsi a, a o fitlhelang go se monate mme batho ba sa kgaogane.

Se se tsalwa ke mabaka a a farologaneng jaaka a itsholelo mo go tse dingwe.

Gantsi bomme fa ba sa bereke, kana ba sena bonno ba nna le borre ba ba tletseng kgokgontsho.

Barotloetsi ba Bofelelong Jwa tsela ba ne ba re motshameko o, o tlhoka go lebelelwa ke bontsi gore ba kgone go tsaya maele a go tswa mo diemong tse di supiwang, ba re ga se wa go tsha bodutu fela mme o rut aka tsa selegae.   

Mogokaganyi go tswa kwa SSI Mme Beauty Mogasha a re Bofelelong Jwa Tsela o ruta setshaba ka bodiphatsa jwa kgokgontsho ya bong le gone go ribolola talente ya banana go ba ntsha mo mebileng. 

Mme Mogasha a re e le ba mokgatlho wa SSI ba dumela fa banana ba na le bokgoni ka jalo ba itlamile go ba thusa gore ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone.

O kaile fa banana mo gae ba na le bokgoni bogolo jang mo bodiragatsing ka jalo ba tlhoka go rotlediwa. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Wren

Location : GABORONE

Event : Phuthego

Date : 28 Feb 2023