Breaking News

Kwadisang mekgatlho

28 Feb 2023

Mekgatlho e gakolotswe go ikwadisa semmuso.

Kgakololo e e ntshitswe ke Modulasetilo wa BONEPWA Rre Kabelo Setlhake kwa phuthegong ya ngwaga le ngwaga ya lekgotla leo  mo Palapye ka Labotlhano.

Mekgatlho e gakolotswe gore ya ka molao o mosha ke molato go tlhoka go kwadisa.

Rre Setlhake  o akgoletse batsena-phuthego go diragatsa  maitlamo le maikemisetso a bone a go direla lekalana la BONEPWA.   

Modulasetilo o ne a akgola maloko go bo ba tsaya tiro ya bone ka tlhwaafalo, akgola maloko a di support group, a re ba dira tiro  e ntle ya go thusa batho ba ba amilweng ke mogare HIV.

Rre Setlhake a re ba kgonne go ntshafatsa lenanneo  la ditogamaano le le ba kaelang  tsela ya go tsamaisa lekgotla. Mogolwane go tswa kwa UNAIDS Mme Nametsegang Matswetla a re maitlamo a bone ke gore ka ngwaga wa 2030 ba bo emisitse mogare.

 A re dipalo di supa fa bomme ba tsaya ditlamelo sentle mme borre le banana ba santse ba saletse kwa morago.

Mme Matswetla a re ba batla go bona ditlhopha tsotlhe tse di akaretsang tsa banana, bagolo le bana ba ba santseng ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadi mo go tse dingwe, di tsaya ditlamelo. 

A re Botswana o dirile maiteko a bo a fiwa seetsele  sa go dira sentle mo lenaneong la go thibela mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng (PMTCT).

Mme Matswetla o ne a tswelela a re ba  bereka ka thata go fedisa dikgoreletsi  tse ba kopanang le tsone  mo letsholong la go fedisa mogare wa HIV/AIDS ka ngwaga 2030. 

O tlhalositse gape gore ba tsweletse go dira mafelo a a fang bana le borre kgololesego mo go tsa botsogo.  

A re mogolwane wa UNAIDS o dumela gore mekgatlho e  tshwanetse ya thusiwa ka ditlamelo tse e di tlhokang go dira tiro. 

Mme Matswetla o ba rotloeditse gore ba eme ka dinao ba akaretse ditlhopha ka go farologana gore go seka ga nna le bape ba ba salelang kwa morago.

A re o solofela gore bokopano jo bo tlaa nna le maduo ka jaana bo tsenwe ke baemedi go tswa mo dikgaolong tsa lefatshe leno ka bophara.  

O boletse fa 2030 a se kgakala, a ba rotloetsa go tsholetsa dinao  go netefatsa gore ga gona motho yo o tsenwang ke mogare o mosha ebile o laolesege mo go ba ba tshelang ka one.

Modiri wa Palapye DHMT Mme Goitseone Morebodi a re go ineela le go amogela seemo sa mogare go botlhokwa ka go tlaa dira gore motho a tseye ditlamelo tsa botsogo sentle.

Mme Morebodi a re go tlhoka go ineela go ka dira gore motho a seka a tsaya dipilisi tse di ritibatsang mogare sentle mme se, se bake gore masole a gagwe a mmele a ye kwa tlase.

A re go tlhoka go tsaya dipilisi sentle mo go ba bangwe go dirwa ke go lebala, kana  motho a tsaya dipilisi tsa malwetse a mantsi, jwa tlhaloganyo, a tlatsa ka gore fa gongwe  motho o a bo a sa amogele gore o na le mogare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Phuthego

Date : 28 Feb 2023