Baithuti ba pele ba tla aga ntlo lehalahala
28 Feb 2023
Bangwe baithuti ba pele ba sekole se se golwane sa Matsha kwa Kang ba tla aga ntlo lehalahala kwa sekolong seo, se e le bontlha bongwe jwa go ipelela masome a mane fa e sale sekole se bulwa ka ngwaga wa 1982.
Moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome a mane a sekole seo o tla tshwarwa Mopitlo e fela.
Fa a bua kwa moletlong wa dijo tsa motshegare o neng o rulagantswe ke bangwe ba baithuti ba sekole seo ka maikaelelo a go kokoanya madi a kago eo le tse dingwe ditiro tsa moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome a mane, mogokgo Rre Mpaphi Kuswani, o ne a akgola baithuti bao.
A re tshwetso ya go aga ntlo lehalahala e e tla dirisiwang mo ditirong tse di farologaneng di akaretsa go tshwara thapelo ya mo mosong pele baithuti ba ka simolola letsatsi, go tshwara diphuthego tsa batsadi le barutabana le tse dingwe ka go farologana ke mogopolo o o kgatlhisang.
A re seo se supa fa baithuti ba pele ba tsweletse ka go ema puso nokeng tebang le go tlhabolola sekole gore se tswelele se kgatlhisa.
Rre Kuswani a re dipaakanyo tse di dirilweng tebang le go aga ntlo eo di tsweletse, o supile fa moalo o dirilwe e bile o setse o tlhomamisitswe go setse fela go ka simolodisa tiro fa ditsompelo tsotlhe tse di tlhokegang di setse di kokoantswe.
Rre Kuswani a re e re ntswa ntlo lehalahala eo e tla bo e sa fela ka nako ya go ipelela moletlo wa dingwaga tse di masome a mane tsa sekole seo, go tla salwa tsamaiso morago gore kago e wele e bo e ka abiwa semmuso fa e setse e le mo seemong sa go ka dirisiwa.
Rre Kuswani a re dingwe tse di tla dirwang ka dipoelo tse di tla dirwang ke baithuti bao ba pele, ke go tlhabolola matlo mangwe a borutelo.
Go sale foo, Rre Kuswani o supile fa bana ba sekole seo ba sa dira sentle mo maduong a a sa tswang go tswa a lokwalo la botlhano.
A re mangwe mabaka ke gore thotloetso le kemo nokeng ya bangwe batsadi e a reketla, le fa go ntse jalo a re ba tla tswelela ba dira ka gotlhe go dira pharologanyo.
Fa a tswa la gagwe, Modulasetilo wa komiti ya paakanyetso moletlo Dr Mosiamisi Mokgolele a re madi otlhe a a tlhokegang go tshwara mokete, aga ntlo lehalahala le tsedingwe ka go farolgana ke P400 000.
A re maiteko a bangwe a baithuti ba pele ba a dirang tebang le go kokoanya madi ao a tsweletse sentle e bile a a kgatlhisa.
A re dingwe ditiro tse di dirwang go kokoanya madi ke go rekisa dikipara le dikopi tse di kwadileng Matsha ga mmogo le go rekisa ditekete go thwarwa maitiso a dijo mo mafelong a a farologaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : GABORONE
Event : Kago ya ntlo
Date : 28 Feb 2023