Breaking News

Ba kopilwe go emisa go goga motsoko

27 Feb 2023

 Mogolwane wa mokgatlho wa Stop Smoking Support Group, Rre Odirile Thamage,  o supile fa go emisa go goga motsoko go se motlhofo.Fa a bua kwa phuthegong ya go tsibosa go tsibosa setshaba  ka bodiphatsa jwa tiriso ya motsoko ka Labotlhano kwa Ditshegwane, Rre Thamage a re bontsi jwa bagogi ba motsoko baa o tlogela ba tloge ba o boele. 

O tlhalositse gape fa puso e ne ya lemoga fa ba itebagantse thata le mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS, mme e itlhokomolositse malwetse a a sa tshelwaneng jaaka bolwetse jwa khupelo, jwa madi a matona le jwa sukiri.

Rre Thamage o ne a supa fa puso e ne ya ikana go lwantsha malwetse a, mme ya re mo tsamaong ya nako ba lemoga gore balwetse ba ba neng ba tsenwe ke mogare wa Corona ba ne ba tshabelelwa ke go hupela, mme ga lemogwa motsoko o tlhotlheletsa bolwetse jwa khupelo. O tlhalositse fa ba lekgotla la ditshabatshaba  ba ne ba kopa maloko go dira melawana e e laolang tiriso ya motsoko.

 Ke ka moo puso ya Botswana e neng ya emisa go rekisa motsoko ka bongwe le go emisa go rekisa motsoko gongwe le gongwe. O supile gape fa badiri ba metsoko ba dule ka maano a masha a go dira metsoko e mesha go gogela banana mo tirisong ya motsoko, ka jalo go tlhoka go emelwa seemo se ka dinao.

Rre Thamage o ne a supa fa ditlamorago tsa go goga motsoko e le go latlhegelwa ke pono, go latlhegelwa ke kutlo, malwetse a meno, kankere, go tshologa madi a mantsi fa mme a belega le mathata a go hema. Banni ba motse wa Ditshegwane ba ne ba supa fa ba kgatlhegetse dithuto tseo thata, ba re bagogi ba motsoko ba roma bana go ba rekela motsoko, selo se sa siamelang bana. 

Rre Antony Nagafela o ne a supa fa go le botlhoko ka jaana bagogi ba motsoko ba seyo mo pitsong eo, a re o tshwenngwa ke gore bagogi ba motsoko ba o gogela gongwe le gongwe.

Rre Nagafela o ne a kopa bommadimausu go emisa go rekisa motsoko gore bagogi ba one ba fokotsege. Mme Ipoleleng Kelebogang o ne a supa fa dipolaano tse di kanakana di bakiwa ke tiriso ya metsoko e metona jaaka motokwane. 

Fa a ba kgwa dikgaba Rre Thamage o ne a supa fa ba tlaa tsamaya le motse wa Ditshegwane go ba ruta ka tiriso ya motsoko le bodiphatsa jwa yone. 

O ne a ba gakolola gape gore fa mogogi wa motsoko a kgeipile ba mo siele metsi a a tswang mo pompong, go na le go mo gogisa motsoko.

Mo malebong, Kgosi Phakamisa Mmidinyane go tswa kwa kgotleng ya Kgare, o ne a supa fa gantsinyana batho ba ba gogang motsoko ba simolola ka go kgatlhega, mme a kopa bomme go kopa bakapelo ba bone go se gogele motsoko fa pele ga bana.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : DITSHEGWANE

Event : Phuthego

Date : 27 Feb 2023