Breaking News

Kgosi thotobolo e olela matlakala

27 Feb 2023

 Kgosi ke yone e bopang morafe wa yone ka bopelotelele, lerato, monyenyo le go ba tsaya ka tekatekanyo go sena pelaelo epe ya go kgaoganya morafe.

Ke mafoko a a builwe ke dikgosi ka go farologana kwa peong ya kgosi ya kgotla ya Go-Malela, Mme Lekgabile Keotswele mo Serowe ka  matlhatso.

Banni ba kgotla ya Malela go kaiwa fa ele Bakgatla ba Ga-Mmanaana go tswa kwa motseng wa Moshupa mme ba ne ba halalela kwa Serowe ka nako tsa dintwa tsa merafe fa e kubetsana e tseelana dithoto tsa bone.

Mme Lekgabile Keotswele o tlhomamisitswe semmuso go nna kgosana ya tetlanyo ya kgotla ya Malela mo Serowe a tsaa maemo a, morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe.

E rile a mo tlhoma mo maemong ao, kgosi Omphile Motsokono o supile fa Kgosi Keotswele a beilwe mo setilong a sa tshwarelela ope ebile morafe ele one o ntshitseng leina la gagwe go sena bana ba phefo.

A re  Kgosana Keotswele o tsena mo tirong e tona ee tlhokang lerato, boineelo le bopelotelele. Kgosi Motsokono o mo gakolotse gore a seka a tsaya letlhakore fa a letlanya, a gatelela gore o tshwanetse go thusa morafe ka tekatekanyo.

O kopile morafe go ema kgosana ya bone nokeng, a tlatsa ka seane se se reng, ‘’Kgosi ke Kgosi ka batho, a re bogosi ke kgamelo ya morula e molomo mosesane, morafe ke mahura o a tlolwa ebile gape ke kgole ya pula e bofiwa e bofolologa’’.

A re fa dilo di nna thata o tshwanetse go kopa thuso kwa go bo rrangwaneagwe le bo malome gore ba mo tswe thuso ya dikgakololo, ba seka ba nna kgakala le ene.

Fa a gakolola mo boemong jwa ga malomaagwe e bile e le setlogolo, Mopalamente wa pele wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o supile fa e le boaammaaruri Kgosi Keotswele a tswa mo lelwapeng lwa bogosi ebile Bakgatla ba aname le lefatshe la Botswana ka bophara.

O kopile Mme Keotswele go itshegetsa thata ka morafe wa gagwe, le gore o tshwanetse go itse fa a ratiwa thata ke batlhanka ba gagwe. 

A re a tseye batho botlhe ka boammaruri le lerato mme a ele tlhoko ba ba maleme a ntlha pedi. O kopile morafe go mo ema nokeng.

Mongwe wa bagolo ba kgotla ya Malela Rre Gaamangwe Keitshokile o ne a mo gakolola gore botsala bo senyetsa motho tiro, e bile a seka a dira dilo ka tshokamo. A re a  seka a tsaa pipa molomo mme a sale molao le tsamaiso morago. A re ba tlaabo ba na le ene ba mo gakolola gore a kgone go tsamaya mo tseleng e e siameng.

Dikgosi tsa bomme tse di neng dile teng ba gakolotse Kgosi Keotswele go nna boikobo, ka e bile e le leitlho la ga kgosi kgolo mo kgotleng ya kwa Ga-Malela.

Ba mo gakolotse fa a tlaabo a emetse Kgosikgolo gammogo le puso, ka jalo a golagane ka bomolemo, ba mo gakolola gape gore a seka a utlwa ka ditsala, e bile a kgone go go farologanya dikgakololo le go raelwa.

Fa a amogela thomo, morago ga go thubega ka selelo sa boitumelo fa pele ga morafe Kgosi Keotswele o lebogile morafe go bo o mo amogetse, a supa fa a santse ale monana a batla dikgakololo mo go bone, o santse a ithuta tiro.

O kopile marara a kgotla ya Malela go mo thusa go etelelela motse mmogo, a kopa botsadi gore bo seka jwa tshaba go mo gakolola. “Tshwaragano ke selo se setona se sentle se se ka re thusang go dira pharologanyo mo kgotlang ya rona, ka jalo ke ka kgona fela ka kemo nokeng ya lona,” ga bua Kgosi.

E ne erile gole pele Dr Vincent Molelekwa gotswa ko motseng Go-Tau kwa kgaolong tsa Tswapona a tsharabologa ka ditso tsa bone ele Bakgatla ba Ga-Malela. 

O boletse fa morafe wa Ga-Malela o tlholega ko South Africa mme o tsamaile o huduga huduga ka ntata ya dintwa tsa bogologolo ba tshwenngwa ke Mzilikazi.

A re ba ne ba thibelela kwa Moshupa kwa erileng ba le teng ba utlwalela fa masole a ga Mzilikazi mme ba thibelela kwa Shoshong mme ka ntlha ya tlala bangwe ba siela kwa Tswapong kwa  Go-Tau fa bangwe ba siela kwa  Serowe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Peo ya Kgosi

Date : 27 Feb 2023