Breaking News

Bomme ba rotloeditswe go bopagana

27 Feb 2023

Mohumagadi wa ga Ga-Ngwaketse Mohumagadi Mme Masetsibi Gaseitsewe o rotloeditse bomme ba toropo ya Jwaneng go tshwaraganela dikgang tse di ba amang le go batla ditharabololo tsa tsone.

A re mme ka tlholego ke motho yo o nonofileng, a le boikanyego ebile a le segatlhamela masisi, ka jalo bomme ba tshwanetse go dirisa dithata tsa bone go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho ya bong, e gantsi e ba amang le bana.

Mohumagadi Gaseitsewe o buile se bosheng kwa bokopanong jwa Pitso ya bomme kwa Jwaneng, e e neng e tshwere ka setlhogo se se reng, Mmangwana o Tshwara Thipa Ka fa Bogaleng. Maikaelelo a bokopano joo e ne e le go neela bomme sebaka sa go itshekatsheka le go buisanya ka dikgang tse di ba amang le gore di ka rarabololwa jang.

O ne a ba tlhalosetsa fa ba le lesego ka jaana ba na le ditshono tse di farologanyeng tsa go ithuna dinta go sena motsenelela. A re bomme ba tshwanetse ba lemoga boleng jwa bone mo setshabeng mme ba ikemele ka dinao go emisa dikgang tsa kgokgontsho.

Fa a kgothatsa, Mme Kedibonye Koolatotse o ne a tlhalosa fa setlhogo sa bokopano joo se gwetlha bomme gore ba itshekatsheke, ba bo ba lemoge seabe sa bone mo kgodisong ya ngwana. A re e re ka jaana kgodiso ya ngwana e simologa a santse a imilwe, botsogo jwa bomme fa ba le baimana bo botlhokwa.

A re kgokgontsho e nngwe e batho ba e dirang ba le batona e bakwa ke dilo tse di maswe tse di ba diragaletseng ba santse ba le bannye. O kopile bomme gore ba ikemisetse go godisa bana sentle, ba sa ba kgokgontshe ka dipuo tse di ka ba amang maikutlo. “A re tlhopheng mafoko fa re bua le bana, mme gape re tseye maikarabelo mo tirong ya bone ya sekole.”

Le fa go ntse jalo, Mme Koolatotse o ne a supa fa a le bete-se-molangwana gore bomme ba banana ga ba tsenelele ditiro tse di itebagantseng le go amogana maele ka dikgwetlho tse di ba amang di tshwana le kgokgontsho ya bong. A re bomme ba tshwanetse ba emana nokeng, ba ipelele dikatlego tsa bone mmogo, ba sa nyatse ba bangwe.

A re gape jaaka thari ya setshaba, go tshwara thipa ka fa bogaleng go tshwanetse ga akaretsa go tshwaraganela go godisa le go kgalema bana le ba eseng ba bone. “A re semeleleng re le bomme, lefatshe le ke la rona a re le emeleng ka dinao.”

Mmaboipelego wa khansele ya Jwaneng, Mme Queen Mfolwe ene o ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa methale e e farologanyeng ya kgokgontsho. A re nngwe ya tse di apesitseng kobo ka letshoba ke kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo, e gantsi e diragalelang bomme le bana ba basetsana. A re se se ngomolang pelo ke gore gantsi kgokgontsho eo e dirwa ke borre ba ba gaufi le bana, e ka tswa e le ba lelwapa kana baagisanyi.

O tsweletse gape a tlhalosa fa lengwe la mabaka a a busetsang dilo kwa morago e le gore bomme ba kgona go bega dikgang tsa kgokgontsho mme morago ba di tsholole. A re ba itemogetse fa lengwe la mabaka la go dira jalo e le gore bontsi jwa bomme ba tlhokomelwa ke borre fa bone ba nna fela ba sena letseno.

“Bomme ba na le bokgoni mme ga ba bo lemoge, golo moo ke go ikgokgontsha. Re rotloetsa bomme gore ba ikemele ka dinao le bone ba nne le seabe mo mererong ya letseno la madi mo lwapeng.”

O ne gape a tlhalosa fa bana le bone ba kgokgontsha batsadi, mme batsadi ba sa bege dikgang tseo, e le go bipa mpa ka mabele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Bokopano

Date : 27 Feb 2023