Breaking News

Lephata la Botsogo le leboga ba-na-le seabe

26 Feb 2023

Lephata la botsogo kwa kgaolong potlana ya Serowe (District Health Management Team) le lebogetse tshwaragano e e neng ya nna teng ga reng ga bone le ba-na-le seabe ka farologaneng go lwantsha segajaja sa COVID-19.

Fa a bua kwa tirong ya go leboga le go lemoga ba-na-le seabe ka Labobedi kwa Serowe, mookamedi wa kokelo ya Sekgoma, Mme Oteng Seleke o supile fa ba bone go le maleba go isa malebo le go lemoga ba ba neng ba tshwaragana le bone ka nako ya fa lefatshe leno le wetswe ke seru sa COVID-19.

A re ba-na-le seabe ka go farologana jaaka dikereke, beng ba dikgwebo, dingaka tsa setso, dikomiti ka go farologana le ba bangwe ba ne ba ema ka dinao go lwantsha segajaja ka ditsela tse di farologaneng.

Mme Seleke o gwetlhile botlhe go tswelela ka tshwaragano e ba neng ba e supa ka e le yone e e neng ya dira gore tsotlhe di nne mo maemong.

Moitseanape wa tsa botsogo kwa kgaolong potlana ya Serowe, Dr Onkgopotse Oduetse o supile fa go ne ga nna le ketsaetsego fa bolwetsi jwa COVID-19 bo simologa mme ba botsogo ba ne ba kgona go dira maikaelelo a bone, go thusa setshaba ka thuso ya ba-na-le seabe ka go farologana.

O supile fa kwa kgaolong potlana ya Serowe, go ne ga gatisiwa 12 202 ya batho ba ba neng ba fitlhelwa ba na le mogare wa COVID-19 mme ga tlhokafala ba le 155.

Dr Oduetse a re le fa COVID-19 e santse e le teng, ka tshwaragano ya ba botsogo le ba-na- le seabe, ntwa kgatlhanong le bolwetse, e ne ya fenngwa.

A re COVID- 19 e ne ya ama setshaba fela thata mme e na le tse di molemo tse di neng tsa thusa bogolo jang mo maphateng a puso, ka mo nakong eno ba kgona go thusana ka dikgang di tshwana le tsa dipalamo.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Serowe, Rre Lesedi Phuthego a re lefatshe leno le ne la leka ka bojotlhe go lwantshana le segajaja sa COVID- 19 mme la kgona.

O supile fa go lwantsheng COVID- 19 ka mashetla, go ne ga thusa gore lefatshe leno le etsiwe ke mafatshe a mangwe.

Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Serowe, Mme Lydia Keatlholetswe o gwetlhile botlhe go tsibogela dikgwetlho dingwe le dingwe tse di ka nnang teng fela jaaka ba ne ba tsiboga ka nako ya COVID- 19.

A re botlhe ba tshwanetse go nna le boikarabelo fa diemo di ntse jaaka di ne di ntse ka nako ya COVID- 19, a tlatsa ka gore puso e ne e sena madi a a itebagantseng le seemo se se neng sa tlhagoga mme ntwa ya kgonagala ka thuso ya ba-na-le seabe.

Ba-na-le seabe ba ne ba fiwa ditlankana go lebogela tiro e ntle e ba neng ba e dira. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Malebo

Date : 26 Feb 2023