Ba dikgolegelo ba abela sekole sa Re-Ka-Kgona
26 Feb 2023
Ba lephata la dikgolegelo ba abetse sekole sa ba-na-le-bogole sa Re-ka-Kgona, setsidifatsi, setofo le dijo tse di tla thusang baithuti mo mosepeleng wa bone wa go ithuta go roka.
Kabo ya dimpho e, e ne e sala morago thuto-seka-dipuisanyo e e neng e tshwerwe ke bagolwane ba lephata leo mo Selebi Phikwe bosheng.Sekole sa Re-ka-Kgona se rutuntsha bana-le-bogole go roka gore ba kgone go itshetse, mme se amogela bana go tswa mafelong a a farologaneng a lefatshe leno.
Fa a aba dimpho tseo kwa Selebi Phikwe ka Laboraro, Tona wa lephata la Itshireletso, Rre Kagiso Mmusi a re dimpho tseo ke dingwe tsa ditsompelo tse di tla thusang sekole le go se kgontsha go tswelela se diragatsa maikaelelo a sone a go neela baithuti ditirelo tse di maleba.
A re maikaelelo magolo a lephata la dikgolegelo ke go tlhokomela magolegwa le go ba sidila maikutlo, ka jalo go sa hakgamatse go bona ba dira tiro e kgolo e, a re se ke sesupo sa gore mowa wa kutlwelobotlhoko le lerato o agile mo go bone.
“Go abela mongwe ka wena ka lerato ke one molemo mogolo wa go sidila yo o abelwang maikutlo le go tlisa monyenyo mo sefatlhegong sa gagwe.”
Rre Mmusi a re ngwaga le ngwaga ba lephata la dikgolegelo ba tshwara bokopano jo bo faphegileng go sekaseka ka fa ba ntshitseng ditirelo tsa bone ka teng mo ngwageng mme bokopano jo bo tshwarelwa mo mafelong a a farologaneng.
A re mo motseng mongwe le mongwe o ba tshwarang bokopano jo teng, ba dira tiro ee tshwanang le e mo go ba ba tlhokileng lesego mme a akgola ba lephata le ebile a ba gwetlha go tswelela ka mowa wa bopelokgale, boineelo le lorato.
Fa a amogela dimpho tse, mogolwane wa sekole seo, Rre Kgomotsego Basaako o lebogetse lephata la dikgolegelo go bo le thusitse ka dijo le ditsompelo tse dingwe. A re setsidifatsi sa sekole se, se ntse se sa bereke mme go dira botshelo bokete ka jalo a leboga gore dimpho tse di ya go dira pharologanyo mo baithuting ba sekole sa Re-ka-Kgona.
A re o motlotlo ka baithuti ba sekole ba tsaya dithuto tsa bone ka tlhwafalo mme ebile bontsi jwa bone bo felela bo thapiwa ke dikompone tse di rokang fa bangwe ba ipulela dikgwebo tsa bone. Fa a tswa la gagwe moeteledipele wa Lephata la Dikgolegelo, Mme Dinah Marathe a re maikemeisetso a lephata la ga gagwe ga se go tlhokomela magolegwa le go netefatsa gore ba bopiwa sesha fela. “Fa mabaka a letla jaaka gompieno, re ikemiseditse go kgaogana le sechaba sa rona sepe se re ka se kgonang go ba fa seriti.”
A re lebaka legolo la go tshwarela bokopano jo mo Selebi Phikwe e ne e le gore lephata le lone le tsenye letsogo mo go tsosoloseng itsholelo ya toropo e, ka go tsaya ditirelo tsa botlhokwa mo dikgwebong tse di farologanyeng.
“Ke le mookamela lephata le, nna le bbadiri ka nna re ne ra tsenya matsogo mo dipateng tsa rona, ra kgobokanya bonnyenyane jo re neng ra bo kgona mme ra tlhopha sekol e sa Re-ka-Kgona Rehabilitation Centre mme ra ya go ba rekela tsotlhe tse le di bonang fano gompieno di akaretsa setsidifatsi, setofo, le didirisiwa tse dingwe tsa mo ntlong, dijo, ga mmogo le melora.”
Mme Marathe o akgotse botsamaisi jwa sekolo se, a re e re le ntswa ba sa dire letseno lepe e bile ba raletse dikgwetlho, ba bo ba ntse ba tshwere ka natla go bona gore bana ba, ba a tlhokomelwa le go rutuntshiwa.
A re se ga se tiro e e ka kgonwang ke mongwe le mongwe mme go tlhoka borre le bomme ba ba ikiteileng dihuba, ba le boineelo e bile ba le lerato.
“Setswana sa re motho ke motho ka batho, ka jalo re tshwanetse ra tsaya karolo re le setshaba sa Botswana, go bona gore ope wa rona ga a wele mo isong re le teng.
Re tshwanetse ra ema ka dinao, ra leka ka tsotlhe go tlhomamisa gore botshelo jwa Motswana ka rona yo o tlhokileng lesego bo a tokafala. Se, ke sone segarona, ke ngwao e e sa tshwanelang go re tlhabisa ditlhong. Ke mowa o montle o re tshwanetseng go o somarela, re bo re o jwala gore dikokomane tsa rona di tle di gole ka one.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : kgotsafalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Kabo ya dimpho
Date : 26 Feb 2023