Go rotloetsa thuto go na le seabe mo itsholelong ya lefatshe
23 Feb 2023
Dikhamphani di gwetlhilwe go nna le seabe mo go iseng thuto kwa pele ka e le botlhokwa mo go tokafatseng itsholelo le isago ya lefatshe leno.
Go abela dikole go supilwe fa go le botlhokwa ka go rotloetsa tshwaragano, popagano le lerato fa gare ga dikole le ba-na-le seabe.
Moeteledipele wa Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso Mme Motshwari Mabote o buile jaana kwa moletlong wa kabo dimpho tse banka ya First National e neng e di abela mokgatlho wa Dyslexia Social Support Services Botswana (DSSS) kwa Mmatseta bosheng.
Mme Mabote a re dimpho tse, tse di akaretsang matlwana a borutelo a le mararo, tablet tse thataro le tse dingwe tse di tlhokafalang di lopile P250 000.
A re o dumela fa dimpho tse di tlaa tokafatsa seemo sa thuto e bana bao ba ntseng ba e fiwa ka e bile go supa fa go ntse go na le tlhaelo.
Mme Mabote o ne a akgola khamphani ya FNBB go tswelela ka mowa oo wa go aba mme a kgothatsa dikhamphani tse dingwe go nna le seabe ka puso e ka seke e kgone e le nosi go tlhabolola matshelo a batho.
Mme Letang Jiri yo e leng mosimolodi wa mokgatlho wa DSSS a re mokgatlho o, o simologile ka 2020 ka maitlamo a go thusa bana ba ba nang le bothata jwa go bala le go kwala mme ba na le bokgoni mo ditirong tse dingwe.
A re gangwe le gape bana ba ba tshelang ka bogole ba a ikgatholosiwa, ka jalo ba ithaopa go thusa ba ba amegang go nna seikokotlelo sa matshelo a bone, le go ba thusa ka tsa tshidilo maikutlo.
A re go botlhokwa gore batsadi ba nne le tirisanyo mmogo le barutabana go thusa gore bana ba tsee thuto ya bone ka tlhoafalo ka jaana thuto e le boswa jo ope a ka sekang a bo tsaya mo go bone.
Mme Jiri a re go lemoga seemo sa ngwana a sale monnye go ka thusa gore a bone dithuso ka nako le go mo isa kwa dikoleng tse di faphegileng.
O ne a wetsa ka go leboga thotloetso e ba e amogetseng a re e bile ba tlaa tswelela ka go dira ka natla mo go ntsheng maduo a tlhwatlhwa go tsosolosa serodumo sa thuto mo motseng wa bone.
Rre Sandile Mampharing yo o nang le bothata jwa go kwala o ne a leboga mokgatlho wa DSSS go bo o mo thusitse mo go kwaleng buka ya gagwe e e bidiwang Dyslexia Dysgraphia in Africa.
A re go botlhoko go nna le motsadi a sa tlhaloganye bothata jo ngwana wa gagwe a nang le jone, ka jalo batsadi ba tlhoka thuto e e tseneletseng le tshidilo maikutlo ya go nna le ngwana wa mo-na- le bogole.
Rre Mampharing a re go dira jalo go ka thusa batsadi go lebagana le dikgwetlho tsa kgodiso ya ba-na-le bogole ba sa ba nyenyafatse.
O ne gape a re motho fa a na le dikitso o ka tlhabolola matshelo a batho ba le bantsi ka go amogana kitso eo le bone.
O ne a rotloetsa batsadi go dumela mo bokgoning jwa bana ba bone ba sa ba tshwantshanye.
“Thotloetso e kgolo gore ngwana a dire sentle mo dithutong tsa gagwe ke fa motsadi a dumela mo bokgoning jwa ngwana wa gagwe,” Rre Mampharing a ntsha la gagwe.
O ne gape a re dimpho tse FNBB e di abetseng mokgatlho wa DSSS di tlaa tlaleletsa mo ditsompelong tse ba ntseng ba na le tsone ka jaana bana ba ba nang le bothata jwa go bala le go kwala ba tlhokana le ditlamelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kabo dimpho
Date : 23 Feb 2023