A bana ba falodiwe malwetse
23 Feb 2023
Batsadi ba gakolotswe go atla maiteko a Lephata la Botsogo a go thibela malwetse mo baneng ba dingwaga tse tlhano go ba sireletsa mo diphatseng tsa malwetse ka go farologana.
Go lemosegile fa batsadi bangwe ba ithela moriti o tsididi fa go na le letsholo lepe fela la go kenta bana kgatlhanong le malwetse, selo se se bayang bana mo diphatseng tsa go angwa ke malwetse a a ka fengwang.
Modulasetilo wa khansele ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi o buile jaana kwa tshimolodisong ya letsholo la go tsena ntlo le ntlwana go fa bana lerothodi la go thibela bolwetse jwa go swa mhama e e neng e tshwaretswe kwa motseng oo ka Laboraro.
Letsholo le, ke la ngwana yo o tsholwang go ya kwa go yo o nang le dingwaga di supa.
A re letsholo le le tlaa bo le le dikgato tse pedi; lantlha le simologile maabane mme le tlaa wela ka Tshipi.
Legato le le latelang le tlaa simolola kgwedi ya Mopitlo e le masome a mararo le bongwe go ya kwa go Moranang a tlhola gabedi mono ngwaga.
Rre Merementsi a re thibelo e botoka go na le go alafa bolwetse bo setse bo tlhasetse, a tlhalosa gore bolwetse jwa go swa mhama bo borai e bile bo diragala ka tshoganetso, bo ama matsogo, maoto kgotsa mhama otlhe.
A re bolwetse jo bo ka tsena mongwe le mongwe, segolo jang yo o sa sirelediwang ka mokento a sena go tsholwa.
O boletse fa lekalana la botsogo la mafatshe la WHO le ne la tla ka lenaneo la go thibela le go nyeletsa bolwetse jwa go swa mhama.
Rre Merementsi a re dipatlisiso di supa gore ka 988, dipalo tsa bolwetse jo di ne tsa fokotsega go tswa mo diketeng di le masome a mararo le botlhano go ya kwa boratarong mo mafatsheng a feta lekgolo le masome a mabedi le botlhano ka 2021.
Rre Merementsi a re bana botlhe ba mo diphatseng tsa go tsenwa ke bolwetse jo, mme thata bo tshabelela ba dingwaga tse di kwa tlase.
A re Lephata la Botsogo le ne la tshwanelwa ke go dira letsholo le ka gore fa go setswe ditsetlana tsa go tlhotlhomisa le go latedisa bolwetse jo, go fitlhetswe mogare o o bo bakang mo mantleng kwa matangwaneng a leswe kwa Gaborone le Francistown ka 2022.
O ne a tlhalosa gore seemo seo se diphatsa ka go supa fa bolwetse jo bo le teng mo tikologong ntswa go sena motho ope yo bo mo amileng mo nakong ya gompieno.
A re motho o ka tsenwa ke bolwetse jo fa a ka nwa metsi kana dijo tse di kgotlhelesegileng kana a amana le mantle a motho yo o nang le jone.
Rre Merementsi a re bo ka thibelwa ka go tlhapa diatla ka molora pele ga go apaya, le fa motho a jesa ngwana, kana a sena go ola ngwana.
Bo ka tilwa gape ka go tlhapa ka molora fa o ntsha motseto wa ngwana le fa o sena go etela ntlwana ya boithomelo gammogo le go phepafatsa tikologo.
O ne a rotloetsa morafe otlhe wa kgaolo ya Mahalapye gore ba dirisanye sentle le badiri ba lephata la botsogo gore ba sireletse bana ba bone.
A re dikai tsa bolwetse jo ke go swa mhama ga tshoganetso mo maotong kgotsa matsogo, go lapisega, botlhoko jo bo tseneletseng mo mmeleng, go gagamala molala le mokwatla, go metsa ka thata, tlhogo e e opang, go gotela, go feroga sebete, go kgwa, mala a a botlhoko le go bipelwa.
Mooki mogolo Mme Oreeditse Moikotlhai o boletse fa maikaelelo a tshimolodiso e e le go tsibosa setshaba gore letsholo la go fa bana lerothodi la go thibela bolwetse jwa go swa mhama le simologile.
Mme Moikotlhai o ne a rotloetsa batsadi ba bana go dumela gore bana ba fiwe lerothodi la thibelo bolwetse jwa go swa mhama ka bo le borai. BOkhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : RAMOKGONAMI
Event : Letsholo la Polio
Date : 23 Feb 2023