Dipone tsa mekgwatha di a fetolwa
22 Feb 2023
Go fokotsa bokete jwa madi a khansele e ntseng e a duelela motlakase khansele ya Selebi Phikwe e tsweletse ka go tsenya dipone tse di dirisang marang a letsatsi mo mekgwatheng.
Dipone tse di ya go thusa go fokotsa tuelo ya motlakase ka khansele e ntse e P700 000.
Se se builwe ke mokhanselara wa Botshabelo Bophirima Rre Mmopiemang Basebi mo phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng eo.
A re khansele e simolotse go tsenya dipone tseo kwa Orlando, Leseding le Kopano.
Mo go tse dingwe o lekodisitse batlhophi fa khansele e tlaa itebaganya le go baakanya ditsela le go di ala ditena gore di kgone go tsamaega mme e tlaa dirisa madi a dikgaolo tsa botlhophi a P10m.
A re khansele e tlaa dirisa madi a gape go dira mesele ya kgopho ya metsi go thusa go laola metsi gore a seka a baka tshenyo ka nako ya dipula.
Mo go tsa tshomarelo tikologo Rre Basebi a re khansele e thapile dikolotsana tse tlhano go dira tiro eo mo boemong jwa khansele.
A re go dira jalo go tlhamile ditiro di ka nna masome mane le boferabobedi ga mmogo le go tsenyetsa beng ba dikhamphani tse letseno.
Rre Basebi o kopile banni ba Botshabelo go tswelela ba phepafatsa tikologo go itsa go anama ga malwetse.
O ne a kopa gore le bone ba nne le seabe mo go thuseng khansele go phepafatsa tikologo, a ba rotloetsa gore ba seka ba latlhela matlakala gongwe le gongwe.
Rre Basebi o rotloeditse banni ba Botshabelo go begela ba khansele kana mapodisi ope fela yo ba tlaa mmonang a latlhela matlakala ka bokukuntshwane mo tikologong, bogolo jang matlakala a dikago tse di sa tswang go thujwa, kana matlakala a a tswang mo malapeng.
A re go dira jalo ke molato mme a rotloetsa batho go latlhela matlakala kwa mafelong a a kgethilweng ke khansele.
A re matlakala a senya boleng jwa toropo e bile a senya maiteko a bogogi jwa toropo e go ngoka babeeletsi kana bajanala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELIBE PHIKWE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 22 Feb 2023