Breaking News

FSG e diragatsa ditsholofetso

22 Feb 2023

E rile bosheng khamphani ya FSG Limited Botswana ya abela bana ba ba amegileng mo kotsing ya go thulana ga dikoloi ka Ngwanatsele ngogola, paka ya sekole.

Khamphani eo e ne ya solofetsa go tlhokomela bana bao ka Sedimonthole fa e ne e abela ba malapa a bone dijo le go ba sedila maikutlo.

Fa a rola mpho eo, mogolwane wa FSG Limited Botswana, Rre Duncan Banyatsi o ne a re ntswa ba diegile, se se molemo ke gore ba diragaditse ditsholofetso, a bolela fa tiego e bakilwe ke dipitlagano tsa tiro.

Rre Banyatsi o ne a lebogela tirisano mmogo e e senang selabe e e renang fa gare ga batsadi le khamphani eo.

O ne a kopa gore paka eo e tlhokomelwe, ka maikaelelo e le gore bana bao ba seka ba farologana le ba bangwe.

Kgosi Annah Rankho wa Ghanzi o ne a kopa batsadi go amogela mpho eo ka lerato le ’atla tsoo pedi.

Kgosi a re khamphani eo e supile bogolo le lerato la Modimo, mowa wa kutlwelobotlhoko le kemonokeng.

Mongwe wa batsadi, Mme Keodirile Segolouwane o boletse fa dimpho tseo di tlaa ba apola bohutsana, e bile di tlaa fapa dipelo tse di garogileng, a tlatsa ka go re ‘se se diragetseng se diragetse, jaanong re lebogela dithuso tse’. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : Kabo dimpho

Date : 22 Feb 2023