Ba rotloediwa go ikemela ka dinao
22 Feb 2023
Banana ba rotloeditswe go tlhabolola dikakanyo tsa bone gore ba kgone go tla ka methale ya go itshetsa ka ditiro ga di bonale.
Kgakololo e, e ntshitswe ke mokhanselara wa Boseja/Flowertown, Rre Tumelo Koolekanye kwa Pitsong ya Banana e a neng a e rulaganyeditse banana ba kgotla ya gagwe a tshwaragane le makalana a tlhabololo dikitso ka Mosupologo kwa Mahalapye.
Pitso e, e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Ka go Fetoga ga Maikutlo, Monana o ka Tswelela.
Makhanselara Koolekanye o boletse fa maikaelelo a pitso e ne gape e le go buisana le banana ka dikgang tsa go itlhamela mebereko, go tlhabolola dikitso tse banana ba nang le tsone, go bua ka dikgang tsa diritibatsi le go rotloetsa banana go tsaya mananeo a puso a a ka ba thusang go bula dikgwebo go itshetsa.
O supile fa bontsi jwa banana ba na le boitseanape jwa ditiro ka go farologana le fa bangwe ba sa di rutelwa mme jaanong ba ntse ka tsone.
O gakolotse banana go tswelela ka go iteka mo go batleng ditiro, ba sala morago tsamaiso ya ikopelo madi le dithuso tse dingwe tsa lephata la banana tse di ka ba thusang go tlhama mebereko fa di atlegile.
Mokhanselara o kopile banana go nna pelotelele fa ba kopa dithuso tsa tshimolodiso kgwebo, a supa fa go se bonolo mme go batla motho a na le maikaelelo a go kgona se a se batlang mo botshelong.
Mo godimo ga moo, o rotloeditse banana ba ba feletseng ka mophato wa boraro le botlhano mme ba sa dira sentle, go tsaya ditlankana tsa bone tsa sekole gore ba kgone go kopa ditiro mo madirelong a a mo tikologong ya bone a a sa tlhokeng boitseanape bope.
Rre Koolekanye a re sekole ga se sone botshelo se le nosi, fa go padile kwa sekoleng, ba tshwanetse ba tla ka methale ya go tokafatsa matshelo a bone le go tlhabolola dikitso tse ba nang le tsone ka gore puso e le nosi ga e kake ya kgona go tlhama mebereko.
Mogwebi wa monana, Rre Theo Mangole, o gakolotse banana go inaakanya le mananeo a puso a a thusang bagwebi ka a ka ba solegela molemo.
Rre Mangole o supile fa bontsi jwa dikopo tse di pasang e le tsa batho ba ba ikopantseng, mme a kopa banana go tshwaragana ka ba ka atlega mothofo go na le fa motho a le mongwe fela. Mogolwane go tswa kwa lephateng la banana kwa Mahalapye, Rre Peter Lesolebe o tlhalositse fa lenaneo le le thusang banana go simolola dikgwebo le thusa ba ba sa berekeng kana ba bereka mme letseno le le kwa tlase.
Rre Lesolebe o supile fa lenaneo le le na le phadisanyo e e kwa godimo fa go tla mo go ikopeleng madi, ka jalo a rotloetsa banana go dira dipatlisiso tse di tseneletseng, go nonotsha megopolo ya bone gore ba atlege.
O supile fa madi a a neelwang dikgaolo go thusa banana a ka seke a lekane banana botlhe nako e le nngwefela mme a ba rotloetsa gore ba seka ba ineela fa maiteko a bone a sa atlega, a re ba tswelele ba leka go fitlhela ba fenya.
Fa a tlatsa, Mogolwane go tswa kwa Botswana Open University, Mme Margret Raletobana o kgothaditse banana go emela dithuto tsa bone ka dinao, a supa fa banana ba ba sa dirang sentle ba na le sebaka sa go ka tokafatsa maduo a bone.
Mme Raletobana o tlhalositse fa sekole se, se itebagantse le go fa dithuto ka thaeletsanyo ka bontsi jwa banana ba ka seke ba kgone go tlhola kwa sekoleng ka mabaka a a farologanyeng.
O gakolotse banana go ikwadisetsa go kwala gape le go dira dithuto tse dingwe tse di ka thusang go tokafatsa matshelo a bone.
Banana ba supile ngongora mabapi le dikopo tse di atlwang thata ba re bontsi jwa tsone ke tsa temo-thuo le ntswa ba na le boitseanape jwa dikitso tse di farologanyeng ntle le tsa temo -thuo.
Banana ba ne ba supa ngongora gape mabapi le dingwe tsa ditshetlana tse di tlhokegang jaaka lefelo go simolola kgwebo.
Ba re kgang e e dira gore ba seka ba thusiwa le ntswa puso e le bonya go ba abela mafelo a ba ka direlang mo go one.
Ba kopile baeteledipele ba mananeo a a thusang go simolola dikgwebo go ela kgang e tlhoko ka e ba itsa go tlhama mebereko e bile e ba lomeletsa go tokafatsa matshelo le go tsaya karolo mo mananeong a puso.
Fa a ema banana ka lefoko la kgothatso, Mme Gosego Kaote yo e leng mooki go tswa mo kokelong ya Mahalapye District o rotloeditse banana go baya botsogo jwa bone kwa pele.
Mme Kaote a re banana ba tshwanetse ba ikgapha mo malwetseng a dikobo le boimana ka go tsaya tsa boiphemelo, a bo a rotloetsa batsadi go tlhokomela bana ba ba kwa tlase ga dingwaga mo go dirisiweng botlhaswa ke batho ba ba tona.
O kopile banana go itlhatlhobela malwetse ka go farologana le go ikgapha mo diritibatsing ka di ama botsogo jwa tlhaloganyo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : Pitsong ya Banana
Date : 22 Feb 2023