Breaking News

A puo ya letsele e simolole kwa lapeng

22 Feb 2023

Motlhatlhelela dithuto kwa University of Botswana (UB) Professor Thapelo Otlogetswe o gateletse botlhokwa jwa go ruta bana puo ya letsele go simolola fela kwa malapeng.

“Fa re bua ka botlhokwa jwa puo ya letsele mo thutong, re tshwanetse ra simolola kwa lapeng,” ga tshwaela Prof. Otlogetswe ka Labobedi kwa moletlong wa go ipelela puo ya letsele o o neng o rulagantswe ke ba Mmadikole.

A re go botlhokwa gore batsadi ba simolole go ruta bana puo ya letsele kwa lapeng go na le go solofela gore ba tlaa e rutwa kwa sekoleng.

“Re tshwanetse ra gatelela ra bo ra rotloetsa tiriso ya puo ya letsele kwa gore go motlhofo mo baneng go tsaya puo mo batsading” ga tlhalosa Prof. Otlogetswe

A re lebaka legolo la letsatsi leo ke go ikgakologelwa gore Batswana ba na le dipuo tsa bone mo gae ka mefuta ya tsone ka jalo ba tshwanetse go di bua, go di kwala, ba di dirise go boka le go opela.

Prof. Otlogetswe are letsatsi le le rulagantswe ke UNESCO e sena go tlhopha Tlhakole a tlhola masome a mabedi le bongwe gore e nne lone letsatsi le go ka kopanwang ka lone ga ipelelwa ga bo ga buisanwa ka botlhokwa jwa puo.

O ne a supa fa mo Botswana go na le dipuo di ka nna masome a mararo tse di buiwang ke merafe ka go farologana mme bontsi jwa batho ba bua Setswana e le puo ya bone ya letsele. O supile fa bangwe Setswana e le puo ya bone ya bobedi e ba e tsayang kwa sekoleng.

Prof. Otlogetswe o ne a gatelela gore puo e ka gola fa e dirisiwa mme fa e sa dirisiwe e a swa.

A re lebaka la gore sekgoa se bo se apere lefatshe leno ke gore se dirisiwa go feta dipuo tsotlhe.

A re puo ya letsele e tshwanetse go dirisiwa mo ditirong ka go farologana jaaka dintsho le manyalo, a afa sekai ka go re fa phitlho e le ya Bakgalagadi go buiwe go bo go balwe melaetsa ka Shegkalagari.

O rotloeditse badiragatsi le baithuti go ikapola sekgoa, a re ba dirise dipuo tsa bone di tle di kgone go tuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : GABORONE

Event : Moletlo wa go ipelela puo ya letsele

Date : 22 Feb 2023