Koporase ya metsi e tlhoma kgosi
21 Feb 2023
Ga bo go le tshisibalo jaaka basadi ka ditjalenyana, borre ka dijase ba ntse fatshe ka matsetseleko a a kwa godimo jaaka fa marara a Botswana Water Utilities Corporation a ne a phuthegetse mo Tsabong go tswa Hukuntsi, Tsabong le Ghanzi go tla go tlhoma kgosi.
Fa a ba ema ka lefoko, moeteledipele wa koporasi eo kwa Ghanzi, Tsabong le Hukuntsi, Rre Amogelang Molefe o ne a re thulaganyo ya go baya marara mo koporasing eo e rotloediwa fela thata ke boeteledipele jwa koporasi le ntswa e sa kwalwa mo dibukeng tsa pereko.
A re thulaganyo eo e supile gore e na le mosola wa go rarabolola dikgang tsa pereko fa gare ga babereki. “Fa re le mo perekong jaana o fitlhela go na le dikgang tse dintsi tse e leng gore tse dingwe mo go tsone di a fatlha mme tse dingwe ke tsa boitumelo,” ga tlhalosa jalo Rre Molefe.
O ne a supa gore ba itemogetse gore bogosi bo botlhokwa ka bo ka thusa go fapha tse di fatlhang leitlho pele ga di ka goroga fa pele ga mhiri. Mogolwane yoo a re go le gantsi mhiri fa a tsereganya go kgona go nna le tatlhegelo ya tiro ka ene o a bo a lebile melao ya tsa pereko.
O ne a tlhalosa gore koporasi eo e tsamaisiwa ka melawana le dithulaganyo tse di manontlhotlho mme ba ikaegile ka matshego a matlhano e bong Botho, batho pele, therisanyo, botswerere le kgetsi ya tsie, ka jalo bogosi bo thusa go fitlhelela matshego a.
A re go lere ditirelo tsa metsi kwa Batswaneng go tlhoka bodiredi jo bo tlhaga, jo bo tsepameng mme e bile ba dira seo ba lotane ka ‘moroto wa o esi ga o ele.’
Rre Molefe o supile gore ka ngwao ya Setswana, lefoko la ga kgosi le agelwa mosako mme koporasi eo e rotloetsa tirisanyo e ntle fa gare ga kgosi le badiri.
O ne a rotloetsa badiri gore ba ise dikgang tsa bone kwa go kgosi go batla ditharabololo ya dikgang pele ga di fetela kwa pele.
“Re lemogile gore go tlhoma kgosi mo tirong go a bereka, ke sone se re emeng ka dinao go bona gore bodiredi bo dirisa ngwao e,” Rre Molefe a kaya jalo.
O ne a rotloetsa kgosi go tsaya tiro ya gagwe ka tlhoafalo, a tlatsa ka go re tiro eo ke tiro e tona e tlhokang go tshegediwa ka matsetseleko a a kwa godimo. Mookamela tsa phiro le pereko ya koporasi eo mo mafelong a Ghanzi, Tsabong le Hukuntsi, Mme Ogomoditse Sesu a re Tsabong ke lengwe la mafelo a dikgang tsa dikgotlhang fa gare ga badiri di kwa godimo, ka jalo go tlhongwa ga kgosi go tlaa fokotsa dikgang tseo. A re ba tshwentswe thata ke dikgang tse di gorogang kwa go bone kgapetsakgapetsa mme go tlhongwa ga magosi go ba imolola morwalo wa go mekamekana le dikgang tse dintsi ka bokgosi ba rotloetsa boitshwaro jo bontle.
Fa a mo tlhoma semmuso, mothusa kgosi wa Tsabong, Kgosi Richard Toto o gakolotse kgosi Ditlhabi go dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho. O ne a gakolola badiri go tlotla kgosi ka jaanong a filwe boikarabelo jo bo faphegileng jwa go rarabolola dikgang tsa bone.
O ne gape a gakolola mohumagadi wa gagwe go mo ema nokeng ka dinako tsotlhe. Fa a amogela thomo, Rre Ditlhabi a re o tlhophilwe morago ga go emela ditlhopho mme o solofetsa badiri ba koporasi eo gore o tlaa ba tsaya ka tekatekanyo le ka boammaruri ka keletso ya gagwe e le go ntsha maduo. A re go nna kgosi go raya tshwaragano fa gare ga badiri le kgosi mme o tlaa lopa botlhale kwa Modimong. Mo potsolotsong kgosi wa koporasi eo kwa Werda, Rre Modisaotsile Magano a re ba na le ngwaga fela ba tlhophilwe ke babereki ka bone mme tiro eo ke ya boithaopo ga e duelelwe.
A re mo sebakeng seo o setse a itemogetse gore tiro eo e tlhoka bopelotelele, bopelotheri, setho, boitshoko. A re mo nakong ya gompieno o setse a amogetse dikgang tse pedi, o kgonne go rarabolola e nngwe o saletswe ke e nngwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Peo ya Kgosi
Date : 21 Feb 2023