Monna wa Serinane o fitlhetswe a dirisa podi
21 Feb 2023
Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa Serinane a fitlhetsweng a dirisa podi kwa masimong a Serinane.
Ditlhotlhomiso di santse di tsweletse ka tiragalo e e amang rre yoo wa dingwaga tse di magareng ga masome a marataro le marataro le botlhano .
Fa a buisana le BOPA mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Superintendent Amos Kekgathetse, o ne a supa fa monna yoo a fitlhetswe a dirisa podi kwa masimong a Serinane.
Mo go tse dingwe mogolwane wa mapodisi o supile fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng mme wa dingwaga tse di magareng ga masome a matlhano le masome a matlhano le botlhano a tlhokafetse, a le mo boidiiding jwa madi kwa masimong a Gabosigwane gaufi le Ditshegwane.
E ntse e le gone kwa masimong a Gabosigwane mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng monna wa dingwaga tse di magareng ga masome a mararo le masome a mararo le botlhano a akgega mo setlhareng.
Superintendent Kekgathetse o tlhalositse fa ditiragalo tse tsotlhe ba di begetswe ka Tshipi, mme ditopo di le kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole.
Ditlhotlhomiso di santse tsweletse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : POTSOLOTSO
Date : 21 Feb 2023