Breaking News

BDP e emetse dikeletso tsa Batswana - Letsholo

21 Feb 2023

Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Thapelo Letsholo a re phathi ya Botswana Democratic Party (BDP) e tsweletse ka go diragatsa ditsholofetso tsa yone go tokafatsa matshelo a Batswana.

A re mo godimo ga go tsisetsa Batswana ditlhabololo, phathi eo e latedisa megopolo ya gore meamuso ya lefatshe leno e akolwe ke Batswana.

Rre Letsholo o boletse jaana  kwa phuthegong ya go leboga banni ba kgaolwana ya Raphalane kwa Jwaneng go bo ba tlhophile Rre Lebogang Peloyamotho go nna mokhanselara wa bone ka ditlhopho tsa 2019.

O ne a tlhalosetsa banni ba kgaolwana eo fa tlhopho ya bone e sa wela fa fatshe ka jaana Rre Peloyamotho e le moeteledipele yo o tlhaga e bile a kgathala ka matshelo a bone.

“Mokhanselara wa lona ke sekai sa moeteledipele yo o tlhaga e bile a kgathala ka matshelo a batho ba Jwaneng.

Ditshutiso tsa gagwe kwa khanseleng di paka selo seo, di supa tota gore motho o bonwa ka ditiro.”

O ne a ba kopa gore ba tswelele ka go tlhopha BDP le mo ditlhophong tse di tlang gore e tsweledise maikaelelo a yone a go tokafatsa matshelo a Batswana.

E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya banana wa phathi eo, Rre Collen Mochotlhi a re go botlhokwa gore Batswana ba tshephe banana go ba direla ka natla le ka manontlhotlho.

A re Rre Peloyamotho ga a dire bokgoni le bonatla fela kwa khanseleng ya Jwaneng, o dira jalo le kwa lekgotleng la makhanselara la BALA.

“Se se supa gore fa o neetse monana thomo o e dira ka botswapelo, ka jalo re tshwanetse ra tswelela ka go baya tshepho mo bananeng.

Rre Mochotlhi o ne a supa fa keletso ya gagwe e le modulasetilo wa banana e le go bona kemedi ya banana e oketsegile go nna masome a matlhano mo lekgolong mo dikhanseleng ka jaana e le bone bokamoso jwa lefatshe leno.

Mmatoropo wa Jwaneng, Mme Olga Ditsie ene o ne a tlhalosa gore e re ntswa ba tsene mo khanseleng ka nako e e thata ya COVID-19, ditshutiso tsa ga Rre Peloyamotho e nnile tse di nonofileng tse di itebagantseng le go tokafatsa matshelo a Batswana.

Ka jalo, Mme Ditsie o ne a kopa banni ba toropo ya Jwaneng go tswelela ba ikanya ba bo ba tlhopha phathi ya BDP gore e tsweledise go tlhabolola matshelo a bone.

Rre Peloyamotho ene o ne a tlhalosa fa a ikaeletse go tswelela a emela dikeletso tsa Batswana le ditlhabololo tsa toropo ka dinao.

O ne gape a supa fa lengwe la maikaelelo a gagwe e le go rotloetsa banana le go ba ema nokeng mo maitekong a bone a go dira dikgwebo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego

Date : 21 Feb 2023