Khansele e tlhophile bagolwane
21 Feb 2023
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a tlhophile mokhanselara wa Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani go nna modulasetilo wa khansele eo a sena moganetsi.
Ba dirile jalo mo phuthegong e e faphegileng ya khansele ka Mosupologo.
Mokhanselara Tobokwani yo o ntseng e le mothusa modulasetilo wa khansele eo, o tlhophilwe mo maemong a bodulasetilo go kaba phatlha e e nnileng teng morago ga go tlhokafala ga modulasetilo wa pele, Mokhanselara Farayi Bonyongo yo o tlhokafetseng kgwedi eno e le tlhola malatsi a le marataro.
Moswi Bonyongo o tlhokafala jaana a sena go kotama setilo sa bodulasetilo jwa khansele ya Bokone Botlhaba dikgwedi tse di robang bobedi morago ga gore ba tlhophiwe ngogola ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola gararo.
Go sale foo, go fologa mo setilong sa bothusa modulasetilo ga ga Rre Tobokwani go ne ga bula phatlha ya maemo ao, ka jalo mokhanselara wa kgaolwana ya Makaleng, Rre Mothusi Nakedi o ne a tlhophiwa go nna mothusa modulasetilo, le ene fela jalo a sena moganetsi.
Fa ba amogela thomo eo, borre Tobokwani le Nakedi ba lebogetse bakaulengwe ba bone go supa tshepo mo go bone ka go ba rwesa boikarabelo jwa go etelela khansele ya Bokone Botlhaba pele.
Ba ne ba rotloetsa tshwaragano le tirisanyo-mmogo, ba tshephisa fa le bone ba tlaa diragatsa thomo ya bone ka botswapelo le ka fa go tshwanetseng ka teng.
Rre Tobokwani o ne a tshephisa fa a tlaa diragatsa boikarabelo jwa gagwe ka boineelo, tlotlo le ka natla.
A re mme ga go sepe se a ka se kgonang ka nosi ntle le tshwaragano le bakaulengwe ba gagwe.
A re o na le tumelo ya gore go dira ba le seopo sengwe ga makhanselara le bodiredi, ke yone fela tsela e e ka ba kgontshang go diragatsa boikarabelo jwa bone le go diragatsa dikeletso tsa banni ba kgaolo.
Rre Tobokwani a re le fa ba ka tswa ba farologana go ya ka mebala ya diphathi tsa bone tsa sepolotiki, ba seka ba letlelela dipharologanyo tseo go ba paledisa go isa ditlamelo kwa setshabeng.
O supile fa se segolo e le go tshwaragana le go tsepama ba diragatsa boikarabelo jwa bone.
Rre Tobokwani a re le ntswa go na le dikgwetlho dingwe tse di kgoreletsang go isiwa ga ditlamelo kwa bathong, fela go tlhoka gore ba dire gotlhe mo ba ka go kgonang, a tlatsa ka go supa botlhokwa jwa gore ba bale le go dira dipatlisiso go ipaya mo dinakong ka dingwe tse di ka ba thusang go itepatepanya le dikgwetlho tsa kgaolo.
Fa a lebogisa mothusi wa gagwe e bong Rre Nakedi, mokhanselara Tobokwani o ne a mo itsese fa go rwesiwa dikeetane tsa bodulasetilo le bothusa modulasetilo go raya go le gontsi mo kgaolong le lefatshe leno ka bophara.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara Nakedi o ne a supa fa motho mongwe le mongwe a kgona go nna le diphoso, e bile a ka seke a dira tsotlhe tse di ka kgotsofatsang botlhe, ka jalo a kopa makhanselara go nna ba mo gakolola le go mmusetsa mo tseleng fa ba lemoga fa a fapogang teng.
Ditlhopho tseo, di ne di tsamaisiwa ke mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Lebuile Israel mme bobedi joo bo ne jwa ikanisiwa ke molaodi wa kgaolo, Rre Gobe Macha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego e e faphegileng
Date : 21 Feb 2023