Bogosi ga bo a tshwanela go lwelwa - motshwarelela kgosi
20 Feb 2023
Go lwela bogosana le bogosi mo makgotlaneng le mo dikgotleng tse ditona go a tshwenya.
Moemela bogosi jwa ga Mmangwato kwa Letlhakane, Kgosi Barontshi Kegapetswe o buile seo mo phuthegong e a neng a e buisa kwa motseng wa Mopipi le Mokobaxane ka Labotlhano.
Kgosi Kegapetswe o supile fa go le gantsi go tsoga dikgogakgogano fa go nna le phatlha ya bogosana ka mabaka a loso kana go tlogela tiro.
One a tlhalosa fa ngwaga le ngwaga ba fiwa phatlha ya go tlhopha kgosi kana kgosana, mme go tsoge dintwa, go gogagoganwe, botsala bo fele.
Kgosi Kegapetswe o ne a tsibosa morafe fa e le boikarabelo jwa bone go bona gore phatlha ya go nna jalo e a kajwa.
A re neelano ya ba ba tshwanetseng jaaka ngwao ya Setswana ya bo rangwane e itsewe, e tshwanetse ya salwa morago mme se ga se diragale ka go nna le digongwana tse di farologanang ka maikutlo.
O tlhalositse fa ba itemogetse gore bokgosi bangwe ke bontlha bongwe jwa digongwana tsa go nna jalo mme ba paledise maikaelelo a go kaba phatlha eo.
Kgosi Kegapetswe a re diemo tse di ne tsa ba gwetlha gore ba batle ditsela tsa go letlanya, go tswa ka ditharabololo tse di ka isang maikaelelo a lekgotla golo gongwe.
O ne a tlhalosa gore magosi a a atswiwang ke puso palo ya bone e fetwa ke ya morafe o ba o busang.
Palo batho e supa fa morafe wa Mokobaxane o le 2 598, ka jalo Kgosi Kegapetswe o tlhalosa fa palo ya morafe e tshwanetse ya tsamaelana le ya makgotlana.
A re kgosi e tshwanetse ya busa morafe wa palo e e kanang ka sekete kana kwa tlase ga sekete.
O ne a supa fa go na le magosana a fera bongwe mo Mokobaxane mme palo ya morafe e sa tsamaelane le ya dikgosi.
O tlhalositse fa ba itemogetse gore ba ba tlhophang mo dikgotlaneng ke batho ba le bangwe fela, go supagetse bontsi jwa batho ba ipoeletsa fa go tlhophiwa.
Kgosi Kegapetswe o ne a tlhalosa fa a itemogetse boitshwaro jo bo sa amogelesegeng mo dikgotleng, segolo jang fa go na le boeteledipele jwa maemo a a fa godimo.
A re seemo sa go nna jalo fa se tlhagelela borara ke jone bo tshwanetseng jwa rwala maikarabeloa go kgalema, a supa fa Batswana ba na le ngwao ya go tlotla bodiredi jo bo ba buisang mo dikgotleng.
Kgosi Kegapetswe a re diphuthego dingwe di a tle di fapose kana di kgoreletsege, mme jaaka modisa mongwe le mongwe wa morafe, selo se se ne sa mo gwetlha go tsibogela seemo seo.
Morafe o tshwanetse wa ela tlhoko gore ba buisiwa ke mogolo wa seemo sefe, mme ba mo fe tlotla e e mo tshwanetseng.
Rre Sydney Bothokobotsile, yo e leng monni wa Mokoboxane, a re bokgosi ba itsentse mo ditlhpopheng tse di sa tshwanelang segolo jang tsa sepolotiki, mme a re ke sone se se dirang gore morafe o ba lebe jaaka mapolotiki.
Kgosi Gowinnemang Matlhare wa Mopipi o ne a kopa bokgosana go emisa go ikamanya le sepolotiki, fa Rre Sentebeng Batswana wa Mokoboxane a ne a supa fa go tlotla moeteledipele e le go itlotla, a gakolola fa morafe o tshwanetse wa farologanya dikgang tsa kwa ditlhareng, kgotla le tsa kwa palamenteng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandy Tebogo
Location : MOPIPI
Event : PHUTHEGO
Date : 20 Feb 2023